Breaking News

Go thubega ga dikereke go a tshwenya

02 Jul 2014

Puso e tshwenngwa ke go thubega ga dikereke le go runya ga tse disha ka dipalo tse di kwa godimo.

Fa a bua mo thuto puisanong ya moopelo ya kereke ya Bethlehem Faith Mission kwa Serowe bosheng, mokhanselara wa kgotla ya Mannonye, Rre Keneilwe Monageng o boletse fa dikereke di runya ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele mo lefatsheng leno ka ntlha ya go tlhoka kutlwisisanyo fa gare ga badumedi, go lwela maemo le go itirisetsa dikatso tsa kereke, ka jalo a kopa badumedi bogolo thata baruti go rapelela seemo se se sa jeseng diwelang se.

Rre Monageng o tlhalositse gore kereke e setse e dule boleng jo e tlholegileng ka jone gonne ke kwa batho ba le bantsi ba dirang dilo tse di maswe teng. O tsweletse a re tumelo ke selo se segolo mme e tshwanetse ya sirelediwa fela thata ka kwa ntleng ga yone lefatshe le ka tlhakatlhakana.

O supile fa Botswana ele lefatshe la puso ya batho ka batho, ke ka moo mongwe le mongwe a nang le sebaka sa go sala tumelo ya gagwe morago a sa kgorelediwe ke sepe mme a sa gotlhane le molao wa lefatshe a dira tse di ka tsisang kagiso le go rapelela dilabe tse di tletseng mo lefatsheng.

Mo go tse dingwe, o kopile baruti le badumedi go rapelela seemo sa dikotsi tsa difofane mo lefatsheng ka bophara. 

Fa a bua ka tsa moopelo, Rre Monageng o lebogetse kereke ya Bethlehem Faith Mission go bo ba bone go tshwanela go dira thuto puisano tse ka moopelo o kgona go tshetsa. A re moopelo o ruta boikgapho, lerato le kagiso ka jalo fa ba ntse ba ithuta ka one jaana, ba ithuta dilo tse dintle tse di agang motho le lone lefatshe tota.

E rile a tswa la gagwe motlhatlhelela dithuto tsa mmino kwa Serowe College, Rre Pogiso Daman a leboga ba kereke e go bo ba bone go le botlhokwa go dira thuto puisano e. Rre Daman a re kereke e agiwa ka mmino ka jalo ba tshwanetse go tsaya kopelo ya bone tsia fela thata ka e bile gape mmino o aga le ene motho ka sebele. 

O gateletse ntlha ya gore ba tshwanetse go gatisa le go kwala dipina tsa bone gore ba tle ba di bolokele ba ba tswang kwa tlase ba tle ba bone fa bagolo ba bone ba fetileng teng. A re mo dinakong tsa gompieno, mmino o tlhama ditiro, o ntsha ba le bantsi mo mebileng, o aga malwapa e bile gape o tshedisa bangwe, ka jalo ba tshwanetse go gatisa mmino wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Thuto-seka dipuisanyo

Date : 02 Jul 2014