Breaking News

Boora-Seno ba latswitswe ke tlhware

02 Jul 2014

Banni ba kgotla yoo ra-Seno ga ba na go thubelwa metse jaaka go ne go builwe pele.

Fa a ba rolela kgang kwa kgotleng eo ka Labobedi, mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi a re puso e tsere tshwetso ya gore ga go na ope yo o tla thubelwang le fa e le bone ba ba neng ba isitswe kwa kgotleng ya ditsheko tota.

A re bangwe ba ne ba laetswe go duela P10 000 mme le bone ga bana go thubelwa e bile fa go na le ba ba neng ba setse ba duetse, lekgotla la kabo ditsha le tla ba busetsa madi a bone.

O boletse fa jaanong ba lekgotla la kabo ditsha la ga Ngwaketse ba tla a simolola go baya banni ba kgotla eo, mme a tlhalosa fa ditsha dingwe di tla a felela di ngathiwa.

Le fa go ntse jalo, a re o lebogela puso gore e rile ba ntse ba e sokasoka ya ba reetsa le fa go tsere lobaka lo lo leele, a tlhalosa fa go sa tshwane le fa ba ne ba thubetswe.

Rre Rammidi o bile a kopa banni gore ba seka ba letlelela ope go tla go ipaya ka go setse go itsewe maina a ba ba sa bolong go nna kwa kgotleng eo.

Fa a mo kgwa kgaba, modula-setilo wa lekgotla la ga Ngwaketse, Rre Mosimanegape Mophuting a re ga go bolo go dumalanwa gore goora-Seno e nne kgotla ya Kanye mme a gatelela gore ope a seka a leka go ipaya mo nakong eno.

Rre Mophuting a re ke nnete ba na le maina a batho botlhe ba ba sa bolong go nna kwa kgotleng eo, a supa fa batho ba le babedi ele bone fela ba duetseng mo go ba ba neng ba kopilwe go duela.

A re e ne e se tshwanelo gore go bo go duedisitswe batho, a supa fa se se neng se tshwanetse e ne ele gore batho ba go nna jalo ba isiwe kwa kgotleng ya ditsheko. O bile a re ba lemogile gore ditsha dingwe di amegile ka nako ya fa go segwa ditsha.

 Rre Mophuting a re dilo tsa ga Ngwaketse di salela kwa morago ka mabaka a gore batho bangwe ba di bua ka maikutlo a a gogomogileng, a re fa go ka tswelela go ntse jalo ga go na kwa go ka gorogwang teng.

Ka nako ya dikakgelo banni ba ne ba leboga mopalamente Rre Rammidi gore o sale a sala kgang e e neng e sa ba robatse e, morago ka lobaka. Ba boletse fa dipelo tsa bone di le di tshweu jaanong ka mopalamente wa bone a ba thusitse fela thata.

Mokhanselara wa ga Kebuwang, Rre Kgaboethata Ramotadima le ene o ne a leboga mopalamente, a re o dirile tiro e ntle go busetsa boora-Seno phetolo ka e bile ba ne ba re ga ba ye go tlhopha ka gore ga ba tlhaloganye kgang ya bone.

Rre Ramotadima o rile boora-Seno ba ye go tlhopha Rre Rammidi ka gore ba bona tema e a e segileng gore a tle a e tsweledise ka go ba batlela ditlhabololo di tshwana le sekole, metsi le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jul 2014