Tuulalo e kgolo e ka baka kutlobotlhoko
02 Jul 2014
Modiri mo komponeng ya BCL, Rre Emmanuel Siamisang a re motho o ka bakelwa kutlo botlhoko ke go sa ntshetseng maikutlo a gagwe kwa ntle fa a na le mathata.
O tlhalositse fa go le gantsi batho ba itshoka ka mathata a ba kopanang le one ba sa bolelele ba masika kana ditsala, a bolela fa seo se sa siama ka motho o ka felela a ikgapetse botshelo kana ga mmakela malwetse.
O buile jaana bosheng kwa moletlong oo neng o rulagantswe ke ba mokgatlho wa Silence Kills mo kgaolong ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe.
Rre Siamisang o tlhalositse fa mokgatlho wa Silence Kills o kile wa dira dipatlisiso ka kanamo ya mogare o o bakang bolwetse jwa AIDS mo toropong eo, mme ba lemoga fa go gweba ka mmele e le one mathata a matona a a anamisang mogare wa bolwetse joo. A re se sengwe ke go tlhoka go nna boikanyo ga bakapelo kana banyalani ka go nna le bakapelo ba feta bongwe.
O rotloeditse batsadi go nna ditsala le bana ba bone ka nako tsotlhe gore ba tle ba kgone go lemoga fa ba tswa mo tseleng kana ba nna le maitshwaro a a sa letlelesegeng. Rre Siamisang o rotloeditse morafe go emela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ka dinao fa ba le mo loratong mme a kgothatsa borre go nna le boitshoko fa basadi ba bone ba tsena mo botsetseng kana ba le mo malatsing a setswalo.
Rre Siamisang o kopile setshaba go ntshetsa mo pontsheng batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV gore ba tle ba bone thuso e e maleba le gone go fiwa thotloetso le lorato. O tsweletse a leboga ba kompone ya BCL go bo ba itshwaragantse le ba mokgatlho wa Silence Kills go lwantsha kanamo ya mogare mo toropong ya Selibe Phikwe.
O tlhalositse fa ba mokgatlho oo ba itlamile gore ka 2016 go bo go sena kanamo ya mogare o mosha wa AIDS. Mokgatlho oo, o maikaelelo a one eleng go lwantsha kanamo ya mogare wa AIDS mo setshabeng o tlhamilwe ka 2003 mme wa kwadisiwa semmuso le ba lekalana la NACA ka 2011.
Letsatsi le ne la natefisiwa ka metshameko e e farologaneng e supa dikgwetlho tse bomme le borre ba kopanang le tsone fa ba le mo loratong kana mo lenyalong.
Bana ba sekole se segolwane sa Mojamorago le bone ba ne ba nna le sebaka sa go supa dikgwetlho tse banana ba kopanang le tsone di tshwana le kgokgontsho le go ne go amiwa ke mogare wa HIV. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa go rotloetsa go batho go golola maikutlo
Date : 02 Jul 2014






