Breaking News

Lelwapa le thusa sekole sa Mokgware

01 Jul 2014

Dr  Sofisto Nthobatsang le ba lelwapa la gagwe ba itlhophetse sekole se se botlana sa Mokgware kwa kgaolong ya Legare ba bo ba se fa dikgomo di le nne, tse ba tlaa di abang ngwaga le ngwaga mo dingwageng tse nne.

Sekole seo se bone maduo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa a lekwalo la bosupa.

E rile a bua kwa moletlong o o neng o diretswe bana ba lekwalo la bosupa bosheng, Dr Nthobatsang  yo e leng mongwe wa boradithuto yo o diretseng lefatshe leno mo mererong ya tsa thuto mme a tlogetse tiro, a lebogela matsetseleko a  barutabana ba sekole seo ba dirang tiro ka one.

Dr Nthobatsang a re matsetseleko ke kgwetlho e e tlhokang bopelotheri, popagano le tirisano mmogo ka maitlamo a a lolameng a go ntsha maduo a a eledisang lethe. 

O boletse gore fa go sena tshwaragano, maduo ga a kake a nna teng. O tlhalositse fa thuto e nyeletsa dipharologano, a tlatsa ka go supa fa go sena motho yo o tsholetsweng khumanego kana yo e seng wa sepe. 

A re motho mongwe le mongwe ke ene a ipeelang seelo sa botshelo gore o batla go tshela jang le go nna eng mo setshabeng.

A re o lemoga sentle gore dikgwetlho di teng mme fela  baithuti ba tshwanetse go leka bojotlhe go di lwantsha ba ikitaya sehuba gore le bone fela jaaka ba bangwe ba batla go ipona e le batho ba ba rileng mo setshabeng.

Mongwe wa ba ba neng ba tsene moletlo oo, Rre Phillimone Makgwenngwe wa merero ya tsa kgwele ya dinao, o ne a abela sekole seo dikgwele di le lesome fa VDC e se abetse di le pedi.  Mokhanselara yo  o itlhophetsweng, Rre Lesedi Phuthego ene o ne a neela bana bao melora le tsotlhe tse di tlhokegang mo go iphepafatseng mme a ba kopa go nna le  tebelelo pele mo dithutong tsa bone gore ba tle ba tlhabolole motse wa bone mo isagong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Moletlo wa bana ba lekwalo la bosupa

Date : 01 Jul 2014