Bagwebi ba rotloediwa go ipapatsa
01 Jul 2014
Bagwebi ba kgaolo ya Bobonong ba rotloeditswe go tla ka methale e ba ka ipapatsang ka yone gore dikgwebo tsa bone di itsege.
Fa a bua mo dithuto-puisanong tsa letsatsi, mogolwane mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Bobonong, Rre Matlhomola Kebifetswe o kopile bagwebi go ntshetsa dikgwebo tsa bone mo pontsheng gore baji-bareki ba itse kwa di ka bonwang teng.
Rre Kebifitswe o supile fa maikaelelo magolo a bokopano jo e le go buisana le bagwebi ka go tla ka methale e ba ka e dirisang go bapatsa dikgwebo tsa bone.
O kopile bagwebi go dirisa methale e tshwana go dira dikarata tsa ipapatso (business cards). Rre Kebifetswe o kopile bagwebi go tsibogela dipitso tsa lephata segolong jang fa ba kopa go tla diphuthegong.
O supile fa banana ba bagwebi, segolo jang e le bone gantsi ba nnang maoto a tshupa fa ba kopiwa go tsena diphuthego. A re banana ba bagwebi ba tsaya nako e ntsi ba dira ditiro di sele eseng tse di itebagantseng le dikgwebo tsa bone. O supile fa e rile ngwaga o o fetileng ba thapile komiti e e itebagantseng le go bona gore dikgwebo di tsamaya sentle.
Fa a latlhela la gagwe modulasetilo wa komiti e e tlhokometseng bagwebi mo Bobonong Mme Bogadi Sanoto o kopile bagwebi gore ba seka ba itlhoboga segolo jang fa dikgwebo di sa dire sentle. Mme Sanoto o kopile maphata a a thusang bagwebi ka madi gore ba dire dithutuntsho pele fa ba neela bagwebi madi go simolola dikgwebo.
O supile fa maphata a a neelang dithuso tsa madi a tshwanetse go thapa batlhokomedi go bona gore dikgwebo di tsamaya sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 01 Jul 2014






