Breaking News

Goya o akgola kgotla ya Lotsane

01 Jul 2014

Ba kgotla ya Lotsane kwa Palapye ba akgoletswe maiteko a go dira tshingwana ya merogo go lwantsha kgwetlho ya go tlhoka botsogo jwa batho mo nakong ya gompieno.

Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya bosheng kwa kgotleng ya bone fa a ile go ba lekola a le mo loetong la kgaolo ya gagwe ya botlhophi.

A re o eletsa gore maiteko a bone a gasame le dikgotla tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe ka e le ntlha e e botlhokwa go lwantsha mmaba yo o tlhasetseng botsogo jwa seshaba.

O ne a ba a ba kgothatsa gore ba lwantshe borukutlhi a re bo kgoreletsa kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng la Botswana. E rile a araba ikuelo ya gore bommaboipelego ba boitseme go sekaseka balwetsi ba ba tlholelwang mo malwapeng a re o tlaa isa ngongorego eo kwa go bone, a re gape ba tshwanetse go nna ba thusa le ka koloi fa go na le mathata a batho bao.

Rre Maina Kgopo o ne a re ba kopa motshela kgabo go bapa le kereke ya ZCC a re batho ba dikologa kgakala fa ba tswa kwa ditirelong. O rile a araba mopalamente o ne a re o tlaa isa kopo eo kwa go ba ba lebanyeng lefa go santse go le mo leshekereng la madi.

Kgosi wa kgotla eo Nkwaila Maphanephane o ne a ikuela mo go mopalamente a re ba khansele ga ba dirisane le dikgosi ga ba ba rerise sepe le fa ba kopa thuso ga ba dire jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Jul 2014