Kgosi Masedi o bolokilwe
01 Jul 2014
Banni ba Tonota ba bolokile Kgosi Obona Masedi ka Matlhatso.
E ne e rile ka Labone mo tshokologong, banni ba phuthaganela kwa kgotleng kgolo ya motse oo go gopola Kgosi Masedi.
Kgosi Masedi, yo go neng ga bolelwa fa a tlhagogetswe ke bolwetse jwa nakwana, o ne a direla mo kgotleng e tona ya Tonota a le kwa tlase ga ga Kgosi Ramosenyi Radipitse.
E rile a bua le morafe o o neng o tshologetse kwa kgotleng eo ka dipalo tse di kwa godimo, Kgosi Goitsheka Hetanang a tlhalosa fa Kgosi Masedi a ne a mo ruta tiro ka manontlhotlho gape a sa mo felele pelo.
Kgosi Hetanang a re go tlhokafala ga ga Kgosi Masedi ke tatlhegelo e tona mo go bone e le dikgosi le mo morafeng ka kakaretso.
O ne a tlatsa ka gore Kgosi Masedi o ne a le mo dikomiting tsa motse tse di farologaneng go akaretsa le ya go ipelela dingwaga tse di lekgolo tsa motse oo.
Kgosi Hetanang a re Kgosi Masedi e ne e le mongwe wa batsaya karolo mo go agiweng ga kgotla le go bulwa ga yone.
A re o ne a le boikanyo mo tirong ebile a rata kagiso mme gape e ne e le moeteledipele wa mephato gape e le mogakolodi wa tlhwatlhwa. E rile a ntsha la gagwe mopalamente wa kgaolo ya Tonota Borwa Rre Pono Moatlhodi a tlhalosa fa a ne a itse Kgosi Masedi jaaka motsadi wa gagwe.
A re Kgosi Masedi o ne a dira tiro e ntle fela thata fa mephato e simologa mme o ne a tswelela a tlhalosa fa e ne e le motho yo o matlhagatlhaga mo ditirong tsa motse, a tlatsa ka gore o ne a na le tirisanyo mmogo e e kwa godimo le morafe.
O ne a tswelela a re kgosi Masedi e ne e le motho yo o sa rateng lefufa mme e le morongwa yo mogolo wa ga Kgosi Radipitse. Rre Masedi, yo o neng a emetse ba lolwapa o tlhalositse fa kgosi e ne e le motho yo o lorato ebile a le pelotlhomogi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : FRANCISTOWN
Event : Tirelo ya phitlho
Date : 01 Jul 2014






