Breaking News

Polka e gorogile kwa Boteti

01 Jul 2014

Lerato la mmino wa Polka o o fitlhelwang thata kwa kgaolong ya Kgalagadi le keletso ya go ithuta ngwao ya merafe e mengwe, di gwetlhile banana bangwe ba Letlhakane go tlhama setlhopha sa mmino oo.

Setlhopha sa Gunamoo Dance Group se tsweletse ka go jesa monate banni ba kgaolo potlana ya Boteti ka go ba tlisetsa mmino o go lebegang o le kwa mankalenkaleng e bile o ratega bobe. 

Moeteledipele wa setlhopha, Mme Gofaone Molaletsi o tlhalositse fa a ne a kgatlhiwa ke mmino wa Polka kwa dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona tse di itebagantseng le go rotloetsa Batswana go ipela ka mmino kwa ngwao.

Mme Molaletsi o tlhalositse fa a ne a kgatlhiwa thata ke ditlhopha tse di neng di diragatsa kwa dikgaisanong tseo ka ngwaga wa 2012, a re ntswa mmino wa Polka o sa tlwaelesega mo Boteti o ne a bona go le matshwanedi go tlhama setlhopha sa mmino o ka e bile e le nngwe tsela ya go ka ithuta le go amogana dingwao tse di pharologanyo mo lefatsheng leno.

O tlhalositse fa maikaelelo a go tlhama setlhopha e le go anamisa le go rotloetsa mmino wa Polka mo Boteti ka bontsi ja batho ba sa o tlwaela. 

A re gape o ne a batla go ntsha banana ba ba sa direng sepe mo mebileng, a supa fa a tshwenngwa thata ke banana ba ba senang maikaelelo a go itirela sepe bangwe ba bone ba diiwa ke nnotagi.

Mme Molaletsi a re o ne a lemoga fa banana ba na le bokgoni ka jalo go tlhama setlhopha se ke maiteko a go ka ntsha banana mo mebileng le go ba rotloetsa go dira sepenyana se se ka tlhabololang matshelo a bone.

Gore setlhopha se kgonne jang go felela se bina mmino wa Polka jaaka se tsweletse, Mme Molaletsi a re o ne a kopana le mogolwane wa setlhopha sa Honey Polka kwa Jwaneng ebong Rre Petrus Matthys gore a mo tlhatlhelele ka mmino oo. A re ba amule go le gontsi mo setlhopheng sa Honey Polka.

Setlhopha sa Gunamoo se na le badiragatsi ba le lesome le bone, bomme ba supa le borre ba supa. Mme Molaletsi o tlhalositse fa kompone ya Debswana e ne ya ba rotloetsa ka go ba rekela paka e ba binang ka yone.

O tlhalositse fa setlhopha se ne sa tsenelela dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona ngogola mme ba anywa go le gontsi mo go tsone. A re setlhopha se ne gape sa tiisiwa moko ke go lalediwa go ya go diragatsa kwa Khawa Dune Challenge mono ngwaga, a tlatsa ka gore seo se ne sa dira gore setlhopha se nne tlhaga ka ba ne ba tlhophiwa ntswa go na le ditlhopha di le dintsi kwa kgaolong ya Kgalagadi tse e leng dikakapa tsa mmino o.

Mme Molaletsi o ne a tlhalosa fa banni ba Boteti ba rata mmino wa Polka ka gore setlhopha se kgona go lalediwa mo ditirong tsa morafe ka go farologana go balelwa le mekete e mengwe jaaka manyalo. 

A re le fa e le maikaelelo a bone a go anamisa mmino wa Polka mo Boteti ba lebanywe ke dikgwetlho di akaretsa go tlhoka lefelo le ba ka ikatisetsang mo go lone, tlhaelo ya madi a go ka tsamaisa setlhopha ga mmogo le sepalamo se ba se dirisang fa ba ya dikgaisanong.

O tsweletse a kopa setshaba le dikompone ka go farologana go rotloetsa setlhopha a supa gore le fa gone lephata la banana le sa die go lekanye maiteko a bone a tlodisa setlhopha nokana di tletse. A re ba kgona go thusa setlhopha ka sepalamo le tse dingwe ka nako ya dikgaisano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oarabile Mawele

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 01 Jul 2014