Breaking News

Diphetogo di a bonala kwa Molefi

01 Jul 2014

Mogolwane wa thuto kwa kgaolong ya Kgatleng, Sir Wonder Masebola o akgoletswe go bo go nnile le diphetogo kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa a sale a tla.

Mafoko ao a builwe ke mokhanselara wa Moshaweng, Rre Patrick Hersey mo phuthegong ya khansele ya Kgatleng bosheng. 

Rre Hersey o boletse fa sekole sa Molefi se kile sa bo se itsege ka botlhoka tsebe jo bo kwa godimo jwa baithuti mme seo se ritibetse fela thata, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore go gagamalediwe ruri ka thuto e le botlhokwa mo baithuting.

A re go botlhokwa go babalela tswine ya maduo a bana ba ba mo kgaolong ya Kgatleng gammogo le go kgothatsa mogolwane wa thuto le badiri ka ene gore maduo e nne a a nametsang.

Mokhanselara Hersey o tlhalositse fa Lephata la Botsogo la melemo le dipilisi le ntsha maduo mo kgaolong ka le romela melemo le dipilisi kwa mafelong a a farologaneng mme seo se thusa balwetse gore ba seka ba ya go tsaya melemo kgakala.

O tsweletse a re dikokelo tse di potlana di le masome a mabedi le bosupa di mo tirisong e bile dipilisi tsa diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS le tsone di teng go fiwa balwetse mme seo ke maiteko a magolo fela thata.

Mokhanselara Hersey o lebogetse ba sepodisi mabapi ka maduo a dikganedi tsa bone di a ntshang mo kgaolong le tikologo go lebilwe seemo sa borukutlhi le botlhoka tsebe.

Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Mosomane West, Rre Solomon Ruele o boletse fa sekole sa Khurutshe se tshwanetse sa bewa leitlho ka boroko jwa baithuti bo pitlagane e bile botsogo jwa bone bo sa jese di welang.

Mokhanselara Ruele o tlhalositse fa go le botlhokwa gore khansele e akanye sesha ka sekole seo ka le ditlamelo di le kwa tlase fela thata kwa go sone, a tlatsa ka gore go ka nna molemo fa baithuti ba ka fudusediwa kwa Kgomodiatshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya khansele

Date : 01 Jul 2014