Breaking News

Motlhala wa nyeletso lehuma o a bonala

01 Jul 2014

Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi mo kgaolong potlana ya Tutume, o supile fa mananeo a nyeletso lehuma a dirile pharologanyo mo matshelong a bangwe Batswana ba ba ntseng ba tshelela mo lehumeng.

Fa a bua mo letsatsing la go ipapatsa le le neng le rulagantswe ke khansele potlana ya Tutume kwa motseng wa Dukwi ka Labotlhano, Kgosi Mosweu o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana a thusitse go aga seriti sa bangwe Batswana gape go na le motlhala wa one lefatshe ka bophara.

Kgosi a re go a kgatlhisa go bona bangwe ba ba neng ba tshelela mo lehumeng ba gatetse pele ba santse ba tshwere ba tshegeditse mananeo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosweu o supile fa a sa itumedisiwe ke ka fa mananeo mangwe a tsamaisiwang ka teng. A re ditsamaiso dingwe tse di dirwang di a fatlha, ka go na le bangwe ba ba fiwang mananeo ntswa ba na le bokgoni jwa go ka itirela go tlogela ba ba amilweng thata ke lehuma.

  A re go tlhoka go aba mananeo ka tsela e e maleba go ka baka dikgang tsa tshenyetso setshaba, gape go ka diga maiteko a puso a go nyeletsa lehuma ka jaana batho ba go lekiwang go nyeletsa lehuma mo go bone, ba ka felela ba sa bona dithuso.

Go sale foo, Kgosi Mosweu a re baeteledipele ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng kwa motseng wa Dukwi  ga ba na morero le bagolwane ba motse. 

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Manake Bakani  o supile fa ba sa itumedisiwe ke go diega ga dituelo tsa Ipelegeng. 

A re ba kgona go tsaya lobaka lwa beke tse tharo ba emetse dituelo ntswa ba weditse tiro ka nako. 

A re mabaka a go nna jaana a ba kgoba marapo e bile a dira gore babereki ba latlhegelwe ke tshepho mo lenaneong. Maikaelelo a letsatsi le e ne e le go fa bagwebi ba ba botlana sebaka sa go supa dithoto tsa bone le gone go tsaya dikgakololo tsa gore ba ka godisa kgwebo ya bone jang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Letsatsi la go ipapatsa

Date : 01 Jul 2014