Breaking News

Dirukutlhi di leleka balemi kwa masimo kgosi

01 Jul 2014

Kgosi Ramosinyi Radipitse wa Tonota o ikuetse mo setshabeng go emisa kgokgontsho ya bagolo kwa masimo.

O buile seo kwa moletlong wa go ipelela thobo o o neng o tshwaretswe kwa masimong a Dikogo ka Labone, Seetebosigo a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabobedi.

A re batho ba tlogela masimo ka dipalo tse di kwa godimo ka go tshaba dirukutlhi tsa bana ba motse wa Tonota e seng batswakwa jaaka bangwe ba belaela. Kgosi Radipitse o tsweletse a re seemo sa borukutlhi se golela pele.

O tlhalositse fa a godisitswe ke temo, a supa fa jaanong se se diragalang mo lefatsheng ka bophara se ngomola pelo le go feta. A re seemo se, se batla go tsibogelwa ka bofefo, e seng jalo bagolo ba tsile go tlogela temo ka bontsi.

Kgosi Radipitse a re gongwe thobo e ba e boneng ngwaga ono ke ya bofelo ka gore batho ba setse ba tshaba go nna kwa masimo go leta dijwalo tsa bone ka ntlha ya go kgokgontshiwa ke bana ba motse.

Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o rotloeditse bomme go nna ba le palo ya go ya kwa go bo botlhano go lwantsha kgokgontsho e e ba tlhagogelang kwa masimo.

O kopile bomme go nna ba le podi matseba dinako tshotlhe, bogolo jang fa ba le kwa masimo ka gore dipula di tloga di phaila gore bomme ba boele gape kwa masimo go ya go lema.

Le fa gontse jalo, Rre Moatlhodi o lebogile balemi ba Tonota go bo ba kgonne go dirisa mefuta e mesha ya temo le gone go ntsha dijo tse di nametsang.

O lebogile balemi go fa ba ba sa kgonang go lema dijo gore le bone ba tle ba kgone ba ore molelo wa mariga.

Mopalamente Moatlhodi a re botshelo bogolo bo kwa tshimong jalo a kgothatsa balemi go tshwara ka thata mo temong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Moletlo wa go ipelela thobo

Date : 01 Jul 2014