Breaking News

Kgosi ya Gumare e lela ka tlhako le molomo

01 Jul 2014

Kgosi Moitshephi Molelwa wa Gumare o ikuetse mo go motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi ka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo utlwaletsweng mo kgaolong ya Okavango.

O buile se fa a amogela Rre Masisi kwa tholong semmuso ya ntlhopheng wa mopalamente wa kgaolo ya Ngami wa phathi ya Domkraga, Rre Thato Kwerepe ka Matlhatso , Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi kwa Gumare.

 Kgosi Molelwa o boletse gore kgang e, e ba utlwisitse botlhoko mme o kopa tona gore a e tsibogele ka e ba beile ka fa mosing ka lebaka le le leele, a tlatsa ka go kopa puso gore e thuse ka go tsosa diterata tsa kganelo ya matlhoko a leruo.

O ile gape a re o tshwenyegile ka palo e potlana ya bana ba ba dumelelwang kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro, a a fa sekai ka dithuto tsa bongaka, a re palo e e kwa tlase fela thata.

E rile a akgela, Rre Masisi a tlhalosa gore ka e le gone a utlwang dikgang tse, o tlaa tlhomamisa gore di a tsibogelwa. O tlhaloseditse Kgosi Molelwa gore ka kgang ya bana ba sekole, e tlaa re mo bogaufing a bo a setse a na le karabo ya go bona gore ba ka thusa jang.

Motshwarelela tona o boletse gape gore ne e tlaare a tswa Gumare a bo a etetse motse wa Shakawe kwa a tlaa buisang phuthego teng e le gone go itsise morafe ka dikgang tse di amang bana ba sekole se segolwane sa Shakawe ka maduo a bone a a neng a ngomola pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 01 Jul 2014