Madirelo a Morupule a abetswe madi
01 Jul 2014
Madirelo a phetlho ya motlakase a Morupule A le B, a a tlaa nnang le C le D fa a ntse a gola, a abetswe P200 million go tlhabolola le go atolosa motlakase ga mmogo le go o anamisa mo lefatsheng leno le gone go o rekisetsa mafatshe a a mabapi fa o lekane.
Fa a lekodisa banni ba dikgotla tsa Boikago le Serorome ka kabo madi a setshaba a mono ngwaga a a abetsweng maphata a puso ka go farologana bosheng, mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya a re khansele ya Legare e filwe P680 million ke lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go dirisiwa mo ditirong tse di akantsweng ke kgaolo mo ngwageng one wa madi.
Mopalamente o boletse fa P600 million a abetswe tiro e e tshwerweng ya go atolosiwa ga metsi le lefatshe leno go dira dipompo tsa metsi go tswa kwa letamong la Dikgatlhong go nosa Palapye le go a tlhatswa pele a ka anamisediwa kwa mafelong a mangwe a borwa ja lefatshe leno.
O supile fa dimpompo tse dintsi tse di isang metsi kwa borwa go lebega di senyegile ka di nna di thubegile ka jalo go tlaa tsenngwa tse di tona go itepatepanya le seemo sa bokete ja metsi a a tlaa bong a isiwa borwa.
A re tiro e e tshwerweng go dirwa ya kago ya maemelo a dikoloi tsa setshaba kwa Palapye yone e abetswe P25 million.
O tsweletse a re mo ditekeletsong tse di dirilweng kwa Palapye kwa Extension 11 tsa kanamiso ya ditirelo, go segilwe ditsha di le 3116 tsa bonno, 20 ke tsa dikole, dikereke le dikokelwana fa di le 7 e le tsa dikgwebo, tse pedi ke tsa mafelo a itloso bodutu fa tse 12 e le tse go yang go agiwa matlo a phiriso mo go tsone.
Mo go tsa thuto, mopalamente o boletse fa maduo a mono ngwaga a dikole tsa Palapye a wetse tlase fela thata jalo a gwetlha batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone.
E ne ya re ba mo kgwa kgaba, banni ba metse eo ba lela ka tsamaiso ya dituelo tsa Ipelegeng ba re dimatshine tsa puso di ba jesetsa mo kgobedung ka di nna di sa bereke dinako tsotlhe mme a ba kopa gore bogolo go dirisiwe diresiti fa di palelwa.
Mme Mmaonyana Mogotsi a re e re ntswa GABS e na le mathata a yone, bodiredi le jone ga bo ba lekodise gore mathata e ka tswa e le eng mo tiegong ya dituelo. O ngongoregetse go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ga banni ba ba dirang majalwa mo kgotleng ya Serorome.
Mme Tsheko Kenosi wa kgotla ya Boikago ene o rile bongaka ja kokelo ya Palapye ga bo ba thuse sentle leka ka nako, mme a kopa mopalamente gore a bue le bone go tokafatsa seemo.
Rre Leumeile Molelekeng ene o ngongoregile ka boitseme ja batsadi mo go tseneng diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jul 2014