Ba Leshibitse ba a itela
29 Jun 2014
Banni ba Leshibitse mo kgaolong ya Kgatleng Bophirima ba lela ka ditlhabololo tse di boutsana mo kgaolong ya bone.
Fa ba lekodisa mopalamente wa kgaolo eo, Rre Gilbert Mangole mo phuthegong ya kgotla bosheng, banni ba buile ba sa kgwe mathe ka tiego ya ditlhabololo mo motseng wa bone morago ga gore mopalamente a ba tlhalosetse fa kgaolo e saletse morago mo ditlhabololong bogolo jang ka mo lenaneong la ditlhabololo la Kgatleng go sena sepe se se tla dirwang.
Rre Mangole a re e sale ka 2008 lefatshe le amiwa ke kwelo tlase ya itsholelo, palamente e ne ya amogiwa go tsaya ditshwetso tsa ditlhabololo le go rebola madi a tsone mme tsa neelwa khuduthamaga ya ga tautona.
A re seo se raya gore taolo ya madi le gore ke dife ditlhabololo tse di dirwang di atlholwa ke khuduthamaga eo go lebilwe madi a a teng ka nako eo.
Rre Mangole a re le ntswa ditlhabololo di tlhokega madi ke one mathata mme seo se raya gore kgaolo ya Kgatleng e tlile go goga bokete ka go sena sepe sa ditlhabololo se se mo lenaneong.
A re motse wa Leshibitse o mo kgaolong ya mmu o o monate mo temong mme balemi ba dira go tlala ka diatla go ntsha thobo e e nametsang, ka jalo, Rre Mangole a re puso e ne e tshwanetse go dira motse oo boremelelo jwa temo mme e bile go agiwe lefelo la dithuso la temo mo motseng oo mme ka lebaka la madi, kgang eo e saletse kwa morago.
A re dikgang di tshwana le paakanyo ya ntlo ya bookelo le go gokela motlakase mo matlong a barutabana di a tshwenya fela thata ka di ama matshelo a batho.
E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba supa fa ba sa itumelele tsamaiso ya ditlhabololo ka o kare di ganeletse mo dikgaolong tse dingwe fa tse dingwe tsone di le ka fa mosing.
Rre Isaac Dikgale a re lefelo la temo le ne le ka ba thusa fela thata ka bone ba itlamile go lema ka tlhoafalo mo kgaolong eo.
A re sebe sa phiri ke gore ditlhwatlhwa tsa theko ya thobo di kwa tlase ka jalo di ba nyemisa moko ka jaana ba dirisa ditsompelo tse dintsi go netefatsa gore ba bona thobo e e nametsang.
Rre Lebitsang Molefe ene o ngongoregile ka terata ya tsela ya A1a bolela fa e ole ka jalo dikgomo di ronka go kgona le go rata mo go yone mme seo se ba bolaisa madi a dituelo tsa dikatlholo ka jalo a kopa puso gore e tsibogela go e baakanya.
Rre Molefe o boletse fa ditshwene le ditholo di ba jela mmidi le ditloo kwa masimo .
A re ba lephata la diphologolo ba sale ba ba tshepisa go ba etela go tlhalosa gore ba ka dira eng go hema tshenyo eo mme nako kgolo ke eno.
Mopalamente Mangole o tshepisitse banni fa a tla kopa mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi go etela motse wa bone go ba tlhalosetsa sentle ka ditlhwatlhwa tsa theko ya thobo ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jun 2014