Komiti e lekola banana ba New Xade
29 Jun 2014
E rile bosheng, komiti ya palamente ya banana, metshameko le ngwao ya etela motsana wa New Xade mo kgaolong ya Ghanzi go lekola mananeo a leng teng a banana.
Fa a rola molaetsa, modulasetilo wa komiti e, Rre Phillip Makgalemele a tlhalosa gore maikaelelo a loeto la komiti ya bone ke go tsamaa le lefatshe ba lekola gore a mananeo a puso e a beetseng banana a teng mo metseng e farologaneng.
A re ba lekola jaana, ka puso e nsthitse madi gore go nne le mananeo a banana. O ne a tlhalosa gore ba tsamaa ba lekola gore a mananeo a teng ebile le gore mme a diragadiwa le gore banana a ba sologela molemo go le kae.
Rre Makgalemele o ne gape a re ba lekola le go utlwa dikgwetlho tse banana ba nang le tsone mabapi le mananeo a go nna jalo, tota le go utlwa ka fa ba tsweletseng ka teng gongwe go ka etela mananeo a go nna jalo.
O ne gape a tlhalosa gore ka jaan go na le lenaneo le le tokafaditsweng la Tirelo Setshaba, puso e batla go lekola gore le tsamaa jang ga mmogo le a mnagwe a ntseng a le teng jaaka a godisang banana mo kgwebong (Youth Development Fund- YDF), lenaneo le ka lone dialogane di rutuntshiwang tiro pele ga di ka thapiwa (Internship).
Mme erile a tlhalosa a baa pele mapalamente pele ka mananeo a mo kagolong ya gagwe, mma banana Tshepo Mokonopi o ne a tlhalosa gore o na le banana ba le masome a mararo le botlhano(35) mo lenaneong la Tirelo Setshaba, ba le bane mo go la YDF. Mme Mokonopi o tlhalositse gore mo lenaneong la YDF ba le babebdi mo go lone ke b aba tsereng dikgomo, a le mongwe o dira ka tsa maranyane (ICT) mme a le mongwe o dira ka tsa go ntlafatsa meriri (hair salon).
Mme Mokonopi o tlhalositse gore ba kopana le dikgwetlho tsa go tlhoka lefelo le banana ba, b aka direlang teng segolo bogolo o dirang ka tsa maranyane. O ne gape a tlhalosa gore o ne a bone dikopo di le makgolo mararo (300) tsa banana ba kgatlhegela lenaneo la Tirelo Setshaba, mme a re ka go tlhoka diphatlha ba le masome borobabobedi le botlhano (85) ke bone fela ba ba neng ba atlega.
O ne a tlhalosa gore mo go b aba nang le kgwebo ya dikgomo, letshwenyego le lentsi ke la metsi le mafulo.le fa gontse jalo, Mme Mokonopi a re ele ba lephata la banana ba leka go thusa banana ka dijo tsa dikgomo go k aba thusa go fokotsa dikgwetlho.
E rile fa a latlhela la gagwe, monana Gaone Raseme yo o dirang ka dikgomo a bolelela mapalmente gore ba kopana le dikgwetlho tse di ba diyang go tswella jaaka b aka ne ba eletsa.
A re letlhoko la metsi ke nngwe ya dikgwetlho tse di tona, ka jaan ba tsaa metsi mo go ba koporase ya metsi. Mme a re, ka jaan koporase e, e nosa morafe nako tse dingwe go nna thata gore le leruo la bone le bone thothi fa go sena metsi a lekaneng.
Rre Raseme o ne gape a tlhalosa ka diji tse di leng teng mo motsaneng wa bone. A re ditau di ba jela leruo mme se se dia tswelelo.
O tsweletse gape a re ba na le bothata jwa mokenti wa leruo le fa gone ba na le ofisi ya leruo mo motsaneng wa bone.
Raseme gape o buile ka tlhoko ya lefatshe a ikuela ko mapalamenteng gore bogolo fa go ka nna le polase e mo go yone banana ba ba nang le dikgomo b aka direlang mo go yone.
Mme le fa gontse jalo Raseme a re kgwebo ya gagwe e tsamaa sentle ka jaana a na le thotloetso go tswa ko go ba ofise ya banana. A re o simolotse ka dikgomo di le 24 ka 2012 mme jaanong o na le tse di 28, a re di ka bo di le dintsi fa e ne ese dibatana tse di di jang.
Banana ba bangwe ba ne ba kopa mo boeteldipeleng gore go nne le lefelo la itloso bodutu mo New Xade ka jaana ba sena lone. Ba boletse gore itloso bodutu ya bone ke kgwele ya dinao mme ka jalo ba re go a tlhaela.
Fa a ba kgwa dikgaba mongwe wa leloko la komiti e Rre Bagalatia Aron yo gape eleng modulasetilo wa komiti ya palamente ya thuto, o ne a kgothatsa banana le batsadi go tlhwafalela thuto ka jaana thuto ele sennela ruri.
O ne a gakolla banana gore kgwebo e batla bobelotelle ebile e batla go emelwa ka dinao.
Rre Aron o tsweletse gape ka go rotloetsa batsadi go kgalema bana gore ba tswe mo nnotaging.
A re ga se boikarabelo jwa puso ele nosi go kgalema bana le go ba ntsha mo nnotaging.
Mme le fa gontse jalo Rre Aron o ne a re mananeo a banana a thulana mo maphateng. Mme o kopile maphata a leng teng go dirisana go thusa banana sentle.
Mme o kopile bodiredi go nna pelo telele fa ba thusa banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Leeto la komiti ya palamente
Date : 29 Jun 2014