Breaking News

Mananeo a tshwanetse go sekwasekwa

29 Jun 2014

Go botlhokwa go sekaseka mananeo a puso e thusang Batswana ka one go itse boleng jwa a a berekang sentle gore a a sa berekeng go bonwe gore a ka tokafadiwa jang.

Mokhanselara Patrick Hersey o tlhalositse seo mo phuthegong ya khansele ya Kgatleng. A re mananeo a tlhoka thotloetso gore a atlege gammogo le batho gore ba bone gore ba ka a sola molemo ka tsela e e ntseng jang.

Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolwana ya Bogare, Rre Joseph Setoutwe o tlhalositse fa gole botlhokwa go tsaya tsia lenaneo la temo ya merogo gore le ntshe maduo batho ba kgone go dira dijo go itshetsa.

 O tsweletse a tlhalosa fa go le botlhokwa go rotloetsa banana go nna tlhaga mo mananeong a puso.

Mokhanselara Setoutwe o boletse fa ba akgola lefatshe la Botswana ka  metshameko e le sa tswang go e tshegetsa ya Africa Youth Games, a re mme go botlhokwa gore puso e sekaseke go tlhabolola dikole gore bana ba ithute metshameko ba sale ba botlana.

Mokhanselara Setoutwe a re go botlhokwa gore bana  ba rutwe metshameko e mengwe e akaretsa ya go thuma kwa dikoleng ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase gore talente ya bone  e lemogiwe.

Fa a tlatsa Rre Setoutwe, mokhanselara wa Rasesa, Rre Eric Ramosako o boletse fa go ne go ka nna molemo fa khansele e ne e ka neelwa pego mabapi le gore metshameko  e tsamaile jang le go bona gore go ka tsosolosiwa eng mo go yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 29 Jun 2014