Thuo ya dihutshane e tsamaya sentle
29 Jun 2014
Go bolelwa fa lenaneo la LIMID bogolo jang la thuo ya dihutshane le ntsha maduo a a nametsang fela thata kwa motseng wa Tshwaane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.
Se, se boletswe ke Kgosi Othusitse Sengawane mo potsolotsong bosheng, a supa fa a lebogela mananeo a puso bogolo jang la thuo ya dihutshane ka maduo a mantle a lone a bonala.
A re thuo ya dihutshane jaaka dipodi e dira sentle fela thata, ka jaana dipodi tse di neng di abetswe banni ba motse wa gagwe di atile fela thata.
A re ga a belaela sepe ebile o dumela fa morafe wa gagwe o tlaa inoga mo lehumeng, “Lenaneo le la dipodi le lentle fela thata le belege morafe wa me ebile matshelo a bone a pharologanyo,”ga bua kgosi.
O supile fa kgaolo eo e siametse thuo fela thata ntswa ba lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa di tshwana le tlhaelo ya lefatshe la mafudiso le dibatana di tshwana le diphiri tse di ba jelang loruo. Le fa go ntse jalo Kgosi Sengawane o supile fa maiteko one a bonala. A re sebe sa phiri ke go tlhoka mmaraka mme a ikuela kwa pusong go tswa ka maano a ka fa ba ka thusiwang ka teng,go ba batlela marekisetso a dipodi gore ba seka ba kgobega marapo.
A re o tshwenngwa gape ke bangwe ba ba sa tlhwaafaleleng go tlhokomela loruo lwa bone gore lo ntsifale, mme a ba gwetlha go itsolopanya go netefatsa gore dithuso tsa puso di ba tswela mosola.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo,Rre Pontsho Balatlheng a re maiteko a puso one a a bonala mme sebe sa phiri fela ke go diega ga mananeo go goroga kwa setshabeng, mme fela o ne a supa fa e tlaa re mo nakong e e tlang bontsi bo bo bo alogile mo lehumeng fa badirelapuso ba ka tshwara ka natla go gorosa mananeo kwa setshabeng.
Fa a tlhalosa ka lenaneo la ISPAAD, Rre Balatlheng o supile fa ba tlaa lala ba orile molelo wa mariga,ka jaana dipula tsa ngogola di ne di nametsa mme thobo ba solofetse e e botoka. Mogolwane wa ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa Letlhakeng, Rre Kgang Mongale o supile fa thuo ya dihutsane e dira sentle mo kgaolong eo. A re bontsi jwa banni ba ikopetse lenaneo leo ka ba lemogile fa le dira sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2014