Breaking News

Ikwadisetso bogwera e tsweletse

29 Jun 2014

Ikwadiso ya borre ba ba batlang go ya bogwera mo kgaolong ya gaMalete le paakanyetso letsatsi la ngwao di tsweletse.

Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi kgolo, Kgosi Tsimane Mokgosi, fa a amogela baeng kwa phuthegong ya paakanyetso letsatsi la ngwao bosheng.

Kgosi Tsimane o tlhalositse fa ba kwadisa borre ba ba dingwaga di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo, le botlhe ba ba tlodilweng ke sebaka sa go ya mophatong ka nako ya bone.

O tlhalositse fa e tlaa re kgwedi ya Phukwi e le masomemabedi le borobabongwe, dithulaganyo tsa bogwera tse di direlwang mo gae di simologe, mme e tlaa re kgwedi ya Phatwe e rogwa, bogwera bo palame.

Kgosi Tsimane o tlhalositse fa e tlaa re bogwera bo sena go palama, kgaolo ya gaMalete e fetoge, ka ba tlaa bo ba sa batle medumo ya dikereke, dibara le ipapatso ya diphathi ka digoagoe kgwedi eo yotlhe.

O boletse fa e tlaa re kgwedi ya Phatwe e fela, ba tshware letsatsi la ngwao.

O tlhalositse fa go le botlhokwa go atolosa le go somarela ngwao, gore ba tle ba itshedise ka yone.

O kopile dikomiti go kopana, mme di fe pego ya tsone beke le beke gore letsatsi la ngwao le tle le atlege.

Kgosi o supile fa ba lephata la banana, metshameko le ngwao, ba ba solofeditse go ba fa madi a P20 000 fela, mme a supa fa go le mo maruding a bone go bona gore ba tlaa neela morafe eng ka letsatsi la ngwao.

Mo go tse dingwe o boletse fa ba ikaelela go nna le disupiwa tsa dijo tsa setso, tse di apeiwang le tse di rekisiwang le didirisiwa tse di betlilweng ka legong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya paakanyetso letsatsi la ngwa

Date : 29 Jun 2014