Setlhare sa Mokolwane se mosola
29 Jun 2014
Kgosi Diteko Salepito wa Gumare a re setlhare sa Mokolwane ke sengwe sa ditsa-tlholego tse di botlhokwa thata mo kgaolong ya Okavango.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Salepito o boletse gore bogologolo e ne e re fa setlhare se, se ise se gole thata, se epiwe se jewe. A re dijo tsa teng di bidiwa gao. Kgosi a re se na le dikungwa tse di sukiri tse di bidiwang mokonkolwane kgotsa moxhwini ka Seyei.
A re maungo a, a mela mo dikaleng mme go obolwa matlapi a teng e re go tsweng foo go thugwe maungo ao a bo a ka jewa ka mashi kana ga komiwa boupi jwa teng.
O tsweletse a re mokolwane o dira dilo tse dintsi tse di farologaneng jaaka go tlhotlha bojalwa jo bo bidiwang motsema, go loga ditlatlana, mafeelo, manyena, dibaga tsa melala le matsogo, diphate le mekgabisa ka go farologana, a tlatsa ka go supa fa lelwapa la letlhaka le logelelwa ka one.
A re mo motseng wa gagwe ba na le lefelo la ngwao le le setseng le tshegeditse mosola wa setlhare se, jalo batho ba amogelesegile go le etela go ithuta ka sone. E re go ntse jalo, kgosi a re o utlwisiwa botlhoko ke banana ba ba senang sepe le setlhare se, a re mme kana se tshwere dingwe tsa ditso tsa merafe ya Okavango.
Mogolwane wa tsa tikologo kwa Ngami, Rre Desmond Serero o tlhalositse fa setlhare se mo Botswana se bonala go simologa kwa motseng wa Gweta go ya kwa kgaolong ya Okavango.
Rre Serero a re ba lemogile gore setlhare sa mokolwane ke sengwe sa tse di nang le mosola fela thata mme e bile se ratiwa thata ke ditlou jalo di thusa gore se seka sa nyelela ka gore fa e ntsha boloko e lema le sone setlhare se.
Rre Serero o boletse gape gore setlhare se, se bonala thata mo mafelong a a ratiwang ke metsi e bile a le motlhaba, a re se kgona go gola go fitlha dimmithara tse di lesome le borobabobedi.O kopile batho gore ba se leme ka fa ba se kgaolang ka teng gonne se kgona go tsaya ngwaga se ise se tlhoge. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2014