Breaking News

Bana ba tshwanetse go kgalengwa

29 Jun 2014

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng mo kgaolong ya Tswapong, Rre Abram Thapedi o kopile batsadi kwa Mokokwana go tshwaragana le bogogi jwa sekole sa gagwe mo kgalemong ya bana ba sekole. 

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Thapedi o boletse fa bana ba sekole ba dule mo taolong ntateng ya go sa tshwaraganeng ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana ba bone.

O boletse fa batsadi ba le maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. A re bosheng jaana batsadi ba le 167 ba ne ba tsena phuthego ya batsadi le barutabana mme palo ya baithuti e le 1 256.

Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tswapong bokone Rre Prince Maele kwa motseng wa Mokokwana bosheng.

A re maduo a sekole sa gagwe ga a kgatlhise mme a tlhoka tshwaragano ya ba-na-le seabe botlhe.

 A re mo setlheng se se fetileng sa ngwaga bana ba le 30 fela ba ne ba dira sentle mo ditlhatlhobong mme se se supa fa ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone.

O boletse fa bangwe ba bana ba sekole sa gagwe ba kgona go ngwega mo sekoleng mme ba tsene mo motseng wa Mokokwana go reka ditagi le bojalwa ka go gaufi le sekole sa bone fa bangwe bone ba felela ba tsena mo ditirong tsa borukutlhi jaaka go utswela ba bangwe madi ba bo ba ya go reka ka one gone kwa motseng oo.

Rre Thapedi a re mo ngwageng o o fetileng go ne ga tshwarwa bana bangwe ba sekole sa gagwe ba sena go utswa dilwana tsa motlakase tsa madi a a ka tshwarang P5 000 kwa lefelong la mabeelo mme ba di rekisa kwa motseng wa Mokokwana.

 A re motlhala wa dilwana tseo o ne wa isa ditlhotlhomiso gone kwa motseng oo.

A re bontsi jwa bana ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone ntswa e le bana ba ba neng ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro mme seo se a swabisa.

 A re mo setlheng se se fetileng bana ba le 30 ba ne ba dira sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme palo eo e ne e le kwa tlase fela that a ka sekole seo se ne se amogetse bana ba ba neng ba dirile sentle ba fetile palo eo go menagane. 

A re bogogi jwa sekole sa gagwe bo tla a nna le dipuisanyo le batsadi ba bana ba ba neng ba dirile sentle mo lekwalong la boraro go bona gore go ka tswelelwa pele jang. 

Le fa go ntse jalo Rre Maele o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go bo batsadi ba sena kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone. 

A re go na le batsadi bangwe ba ba senang kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone mo ba felelang ba sa itse le gore ba dira lekwalo la bokae le go tsaya maduo a bone ba sa kgatlhegele go a tsaya.

A re mo kgaolong ya gagwe dikole ka bontsi ga di dire sentle ka jalo o ne a rotloetsa batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2014