Botlhoka tsebe bo iphile maatla kwa Madiba
29 Jun 2014
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Madiba kwa Mahalapye, Mme Marea Mbale a re o tshwentswe thata ke go wela tlase ga maduo a baithuti ba sekole seo.
Fa a bua mo phuthegong e e neng e tsenwe ke batsadi le barutabana bosheng, Mme Mbale o supile fa se se dirwa ke boitshwaro jo bo makgasa jwa baithuti mme a kopa batsadi go ema sekole nokeng, a tlhalosa fa barutabana ba duba thankga ba le nosi.
Mme Mbale a re tsholofelo ke gore bana ba ya sekoleng go ithuta mme ka maswabi ga go diragale seo mo sekolong sa gagwe.
O kaile fa maduo a bana a sa jese diwelang gotlhelele, mme a re a baithuti ba lekwalo la botlhano one ke bohutsana segolo jang ka ba lebile go kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang.
O tsweletse a re, mo maduong a setlha sa bobedi, mo ditlhopheng di le masome a mabedi le bongwe tsa baithuti ba Madiba, ke di le supa fela tse di dirileng sentle fa di le lesome di sa dira sentle gotlhelele.
A re go a swabisa gore e re le ntswa maduo a bana a ntse jaana, boitshwaro jwa bone e bo e le jo bo sa kgatlheng. Mme Mbale a re tiriso ya ditagi, go ratana mo baneng ba basetsanyana gammogo le go ikgabisa mo go feteletseng di ba apesitse kobo ka letshoba.
Mogokgo o supile fa a tshwenyegile thata ka baithuti ba basetsana ba a reng ba itewa tsebe ke banna, a re go ikgabisa ga bone go feteletse le ntswa go na le melawana e e tlhalosang e papametse melogo e e sa letlelelweng ya meriri mo sekoleng.
O tsweletse a re seemo se, se a ama ka bana ba itira bantle mo mebeleng le ntswa go pala gore ba betle isago ya bone ka go supa kgatlhego mo dithutong tsa bone.
O ikuetse mo batsading go leka go ruta bana ba bone le go dirisana thata le barutabana go botsolotsa ka tsamaiso ya sekole ka go lemotshegile fa baithuti bangwe ba goroga masigo kwa malwapeng ka seipato sa gore ba ne ba tshegeditswe ke barutabana kgotsa ba re ke gone ba gololang.
Mogokgo o tsweletse ka go tlhalosa fa go lemotshegile fa baithuti bangwe e re fa ba golola ba bo ba ya go tlala kwa maemelong a dipalamo fa bangwe ba tlhola ba siana le dikhombi le dithekisi ba sa ye malwapeng, a re ba bangwe ba tlala kwa baithuti ka bone ba hiriseditsweng matlo teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya barutabana le batsadi
Date : 29 Jun 2014