Breaking News

Baithuti ba paka ga e golelwe

29 Jun 2014

Thuto ga e golelwe e neela baithuti sebaka sa go tokafatsa matshelo a batho. 

Mo potsolotsong, barutabana ba baithuti ba ga e golelwe, ba supile fa ba rata go ruta baithuti ba ka bontsi jwa bone ba a bo ba nyoretswe thuto. 

Ba boletse fa go bereka le bagolo go tlhoka bopelotelele, maitseo, lerato le tlotlo segolo jang ka batsadi ba sa rate go nna e kare ba gatakiwa ka dinao. 

Baithuti ba boletse fa matshelo a bone a fetogile morago ga go tsenelela dithuto tse. Rre Giel Jacobs yo o dingwaga di masome a mane le bosupa o supile fa dithuto tse di mo thusitse fela thata. 

A re o simolotse dithuto tsa gagwe ka 2011 mme o gatetse pele fela thata ka e bile a re o ne a palelwa ke go tshwara nomoro ya karata ya gagwe ya Omang mme mo nakong eno o e itse  le a sa e lebelela. A re le dithuto tsa dikhompiutara o di tseneletse e bile o na le setlankana sa tsone.

Rre Botlogile Bahuleng a re ene o tsene ga e golelwe  ka 2010 mme mo nakong eno o mo lokwalong lwa borataro, jalo o eletsa go kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa tse a reng  fa a ka dira sentle  o  tlaa bo a tswelela le dithuto.  

Mme Joyce Lorekang ene ke modirelapuso mme o gwetlhilwe go ya ga e golelwe ke gore o ne a bona go le mosola fela thata gore a bo a itse go bala le go kwala mo tirong ya gagwe. Mme Lorekang a re mo nakong eno o dira tiro ya gagwe a phuthologile a sa tshabe sepe, a re o kgona go isa makwalo mo maphateng a a farologaneng a sa a tlhakatlhakanye.

Baithuti ba re ba kopana le dikgwetlho tse di kgoreletsang dithuto tsa bone di akaretsa go tshwarwa ke ditiro tsa mo malwapeng ka jalo ba seke  ba tsene dithuto  sentle.

Barutabana le bone ba kopana le dikgwetlho tsa go tlhoka lefelo la borutelo le dibuka. 

Ba boletse fa ba filwe ntlwana ya borutelo kwa sekoleng se se botlana sa Tsabong mme e sena motlakase. Ba re letlhoko le, le phatlaladitse baithuti ka bangwe ba se pelo telele. 

 Ba ngongoregile gape ka dituelo tsa bone tse ba reng ga di goroge ka nako.  Ba tsweletse ba re ba tlhoka di dirisiwa tse baithuti ba ka di dirisang mo dithutong tsa diatla gore ba seka ba lebala se ba se anyileng.

Baithuti ba rotloetsa Batswana ba ba sa kgoneng go bala le go kwala go  ikgogela kwa sekoleng sa  ga e golelwe mo mafelong a ba nnang  mo go one. 

Ba re ba lemogile gore banana ba maoto a tshupa ka ba re ba tlhabiwa ke ditlhong go tsenelela dithuto mme ba ba kopile gore ba tlogele go itlhabelwa ke ditlhong mme ba tseye maikarabelo a matshelo a bone. 

Barutabana le bone ba rotloetsa Batswana gore ba tseye thuto ga e golelwe ka tlhoafalo ka e ka fetola matshelo a bone fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 29 Jun 2014