Breaking News

Dipalo tsa TB di golela pele

29 Jun 2014

E re ntswa go simolola ka dingwaga tsa 1985 lefatshe la Botswana le ne le dumela gore le fentse bolwetse jwa kgotlholo e tona, dipalo di supa fa seemo se tsaya phekelo e sele.

E rile tona wa botsogo, Dr John Seakgosing a buisa phuthego ya kgotla kwa Oodi ka Labotlhano, Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa e mo go yone a neng a lekodisa Batswana ka malwetse a kgotlholo e tona le kankere, a tlhalosa fa dipalo ka bontsi di supa fa batho ba ba lwalang bolwetse joo e le gape ba ba nang le HIV/AIDS.

A re ka lebaka la gore batho ga ba sale ditaelo tsa dingaka morago e bile ga ba nwe dipilisi tse ba di laetsweng, seemo sa kgotlholo e tona se a oketsega ntswa lefatshe leno le ne le setse e bona phenyo ya bolwetse joo.

Dr Seakgosing o ne a supa fa Batswana ba tsaya botsogo jwa bone lolea mme e bile ba sa rekegele matshelo a bone ka jaana ga ba tsibogele dikai tse di supang fa ba sa tsoga sentle.

O ne a tlatsa ka gore bangwe ba nwa dipilisi tsa di ARV ka bojalwa mme seo se felele se paledisa goromente go fitlhelela maitlamo a gagwe a go lwantsha bolwetse jo ka e bile kgotlholo e tona e se kgakala le jone.

Dr Seakgosing o supile gape gore go turela puso go tlhokomela balwetse ba kgotlholo e tona ka jaana lephata la gagwe le patelesega gore le robatse molwetse mo sephirig lebaka la dikgwedi tse thataro a sa amane le batho gore a kgone go thusiwa sentle.

A re kgotlholo e tona e borai ka e tshelanwa mme go baya molwetse kwa bothokong go thusa go laola seemo seo le go newa tlhokomelo e e tlhokafalang.

O ne a supa fa bolwetse jo, jo ka sekgoa bo bidiwang Multi Drug Resistance Tuberculosis bo le seganana ka bo palela  melemo yotlhe.
Dr Seakgosing a re mo Oodi, go na le dipalo tsa batho ba le 33 ba ba nang le bolwetse jo mme a supa fa e le palo e e kwa godimo thata mme seemo se nna maswe fa o ka leba tsa lefatshe la Botswana lotlhe.

A re seemo se ka tokafala fela fa batho ba ka reetsa ditaelo tsa bongaka mme a lemotsha morafe fa puso e dirisa madi a mantsi go reka dipilisi mme a kopa gore fa motho a di tsaya kwa kokelong, a di dirise sentle. Mo dikakgelong tsa bone, morafe o ne wa itumelela dithuto tse ba di neetsweng ke Dr Seakgosing ba supa fa ruri e le tona wa botsogo yo o itseng gore tiro ya gagwe ke eng.

Ba re mo dithutong tse ba di anywileng tsa malwetse ba tlhalogantse sentle gore botsogo jwa motho ke konokono ya botshelo mme ebile ba tlaa ela tlhoko dikai tsa malwetse ka mefuta ya one.

Le fa go ntse jalo, Rre Kgalemang Nkwe o ne a supa ngongorego ka tlhaelo ya bodiredi kwa kokelong ya bone a tlatsa ka gore ba sokodisiwa ke tlhaelo ya dipilisi tse ba patelesegang go di latela kwa Mochudi fa di seyo.

Rre Mpho Semele e ne a re go tsaya nako e ntsi ba le kwa kokeleong ba sa bone dithuso mme a kopa gore kgang ya mela e meleele e bewe leitlho ka motho o a bo a tla a lwala mme a tshwanetse go thusiwa ka bonako. 
Rre Sakaeyo Setswammung le ene o ne a iteela kobo moroko ka go supa fa dithuto tsa malwetse ka mefutafuta di tlaa ba tswela mosola fela thata mme ba tlaa di abelana le ba bangwe e bile ba tlaa ba rotloetsa go itlhathobela malwetse kgapekgapetsa.

E rile go le pele, Kgosi Rapula Rantabe a supa fa lerole la tsela e e yang kwa kokelong ya motse e sa siamela botsogo jwa bone mme a kopa gore ba thusiwe go fokotsa borai jo lerole le bo tlisang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2014