Kwadisang matsalo le dintsho - Batshu
26 Jun 2014
Batswana ba gakolotswe go inaakanya le go kwadisa matsalo a bana le dintsho.
Fa a lekotse banni ba Mokoswane le Kudumatse mo kgaolong ya Legare, tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu o ne a gakolola Batswana go rurifatsa gore ikwadiso e nna teng ka nako tsotlhe.
Rre Batshu a re fa ngwana a tsholwa, o tshwanetse e re mo kgweding tse pedi a bo a kwadisitswe matsalo go sa nneng jalo ke tlolo molao.
O ne a tlhalosa gore fa motho a tlhokafetse, mo lebakeng la kgwedi, go tshwanetswe go bo go boletswe ba ofise e lebaganeng gore ga a sale mo botshelong.
A re mme fa ngwana a nna ngwaga tse lesome le borataro, e tshwanetse e re mo lebakeng la kgwedi a bo a kwadisitse go ka direlwa karata ya Omang. O ne a re go kwadisa matsalo go baakanya ditogamaano tsa puso go itse gore ban aba ba tshotsweng ka kafe, go ka direlwa dipaakanyo dingwe mo isagong.
O ne a re ntleng ga moo, go dira gore puso e bo e sa baakanye ka gore e abo e sa itse gore ke bana ba le kafe ba ba tshotsweng. Fa a itibaganya le karata ya Omang, tona Batshu o ne a tlhalosa gore Omang ke selotlele sa botshelo jwa Motswana.
O ne ka moo a kopa gore fa go na le ope yo o neng a sa kwadisiwa Omang, mme a le motona, go na le ba ba ka ba supelang, a ba kwadisiwe gore ba nne le bo Omang.
Le fa go ntse jalo o ne a bua a sa kgwe mathe ka bao ba thusang batswakwa gore ba nne le karata ya Omang a re ba emise mokgwa wa go nna jalo.
O ne a re Batswakwa ba rata karata tsa Omang ka tsela e sa tlwaelesegang mme a kopa Batswana gore ba seka ba supa se e seng boaamaruri go thusa batswakwa go nna le Omang e se ka fa tshwanelong.
A re go dira jalo ke go dira gore batswakwa ba akole meamuso ya lefatshe leno, ntswa e sa ba lebagana.
Fa a bua ka kgang ya bong, Tona Batshu o ne a re puso e tsere tshwetso ya go lekalekanya bong.
A re lephata la Bong, le itibagantse le go ruta batho gore botlhe ba filwe botlhale ka go lekalekana mo ditirong ka go farologana, go sa kgatlhalesege gore a ke motho war re kgotsa wa mme.
A re mo nakong e fitileng, go ne go lebega jaaka o kare rre o ko godimo ka tsotlhe mo go mme, go sa lebelelwa bokgoni jwa bone.
O ne a lebogela puso ya Botswana go tsaya tema, a re ke ka moo bangwe ba bam o mme e le baokamedi mo ditirong ka go farologana, a re seabe sa bo mme se a iponagatsa, a tlatsa ka gore le ko palamenteng bo mme ba teng ntswa ba le palo potlana.
Rre Batshu o tsweletse a tlhalosetsa morafe gore lephata la gagwe le na le lekalana la boikarabelo jwa tsa mesepele le boagedi.
O ne a re ngwana ope yo o tsholwang mo lefatsheng leno ke Motswana, a re fa Rragwe e le motswakwa boagedi jwa ngwana yoo bo bobedi, mme ka jalo ngwana yoo o tlaabo a lebaganwe ke ditshwanelo tsotlhe tsa ngwana ope wa Motswana.
Rre Batshu O ne a gakolola gore fa ngwana yoo a le dingwaga tse masome mabedi le bongwe o tshwanetse a itlhotlhore boagedi bongwe.
O ne a kopa Batswana go nna le kitso ya melao ya fatshe leno, gore ba seka ba iphitlhela ba tlodile molao ka go tlhoka go itse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Tekodiso
Date : 26 Jun 2014