Breaking News

Tswapong Borwa e ipaakanyetsa ditshupo

26 Jun 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo ya Tswapong Borwa, Rre Obakeng Siamisang  a re ipaakanyetso ya ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo eo di tsweletse sentle.

Rre Siamisang a re fela jaaka gale, ditshupo di tla a tshwarelwa kwa lebaleng la ditshupo kwa Machaneng mme pulo semmuso e tlaa nna kgwedi e e tlang e le malatsi a le masome a mabedi le borataro.

O kaile se mo phuthegong e e neng e tswenwe ke banni go tswa mo metseng ya kgaolo ka go farologana ka Labobedi kwa Machaneng. A re le ntswa ba santse ba tlhoka dithuso, ba tsweletse sentle ka go gopiwa ga lebala la ditshupo ka go ne ga nna le kompone e e neng ya ba thusa tiro eo ntle le dituelo.

Modulasetilo a re komiti e a e eteletseng pele e setse gape e tlhamile dikomiti tse di potlana tse di tla a thusang mo ipaakanyetsong ga mmogo le ka letsatsi la ditshupo. O rotloeditse morafe go tsaya ditshupo ka tlhoafalo ka a re di ba fa sebaka sa go abelana megopolo le ba bangwe segolo jang mo go tsa temo thuo.

Rre Siamisang a re o santse a tshwenngwa ke banni ba metse mengwe mo kgaolong  ba ba saletseng  morago mo go tsenyeng letsogo mo tirong ya ditshupo. A re gape ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la dipalamo tsa go ba thusa go ya kwa go tlhokegang fa ba ntse ba tsweletse le dipaakanyo.

Fa a tswa la gagwe, motshwara madi wa komiti e bile e le morulaganyi wa tsa itloso bodutu, Mme Nchadi Jase a re ba tsweletse ka go kwadisa bomme le borre ba ba eletsang go tsenelela mmabontle le rabontle mme mongwe le mongwe yo o eletsang go tsenelela dikgaisano tse o lopiwa P50 fela.

A re mono ngwaga ba bone go tshwanela gore ba fe borre sebaka sa go supa bokgoni jwa bone jwa go gata rabontle. O tsweletse a tlhalosa fa maitiso ao, a tla a bo a rotloediwa ke ba Motor Vehicles Accidents Fund (MVA).

Mo go tse dingwe, a re go tla a bo go na le metshameko ya kgwele ya dinao e e tla a bong e tseneletswe ke mapodisi mangwe ba mo gae ga mmogo le ba ba tswang kwa mafatsheng a sele jaaka la Aferika Borwa.

A re metshameko ya kgwele ya dinao yone e tla a diragadiwa ka lone letsatsi la pulo semmuso ya ditshupo teng kwa lebaleng la ditshupo, mme a gwetlha setshaba go tsaya ditshupo ka tlhoafalo a supa fa seemo sa ditshupo mo dingwageng tseno  se sa itumedise fa se tshwantshanngwa le pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 26 Jun 2014