Ba kgothadiwa go tsaya bo Omang
26 Jun 2014
Le fa ntswa diofisi tsa Omang di nna fela di le mosuke ka batho ba ba tlang go dira le go tsaya dikarata tsa Omang le matsalo, go santse go nale mokoa wa dikarata tseo kwa go bone.
Lephata leo le a tle le dire maiteko a go leka go isetsa batho dikarata tseo kwa metseng ya bone le gone go ya go ba kwadisa tota mme go lebega le itaya fela ka kwa ntle ka gonne bangwe dikarata tsa bone di nna fela mo diofising go fitlhelela di tswa mo tirisong.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moipolai wa Matsiloje a re le mororo ba ofisi ya Omang ba kile ba ba etela mono ngwaga, ba santse ba lebagane le namane e tona ya go netefatsa gore banni ba motse oo ba na le Omang.
O boletse gore ke go tlhoka boikarabelo go nna motho a sena Omang ele Motswana ka jaana karata eo ele botlhokwa fela thata.
A re batsadi bangwe ba itsa bana go nna le bo Omang ka go bo le bone ba ise ba nne le kgatlhego ya go dira karata eo mme se, se ketefaletsa bana matshelo ka ba ka se kwadisiwe kwa dikoleng kgotsa ba kopa thuso kwa dikokelong gammogo le gone go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba.
Kgosi a re le ntswa bontsi ele ba ba boitseme, go na le bangwe ba ba idiwang go tsaya bo Omang ba bone ke letlhoko la madi a sepalamo le bogodi.
A re batho bao gantsi o fitlhela ele gore ba tlhokana le go tla gape le ka basupi go rurifatsa gore mme ke nnete ke Batswana mme se se ketefalele dipata tsa bone.
Mokwaledi wa kgosi kwa Tati Siding, Mme Lydia Chidzani Tadubana ene o kaile fa ba lephata la Omang ba tlhola ba etela koo mme morafe o tle ka bontsi.
A re le fa ntswa a ka se tlhomamise gone o a itse fa go nale batho ba ba senang Omang mo motsaneng o mme se se bakiwa ke gore bangwe ke batswakwa ba ba saleng ba tsile mono jalo ba ntse dingwaga tse dintsi mo e setseng jaanong go ka twe ke Batswana.
Batho ba, a re o fitlhela gongwe bana ba bone ba tsholetswe mono mme ka mabaka a boagedi ba sa ba direla sesupo sa matsalo.
Kgang e gape e thatafadiwa ke gore fa gongwe batsadi ba bo ba tlhokafetse jalo ba masika ba sa leke go thusa mme seo se baya batho bao ka fa mosing ka ba sa kgone go bona ditlamelo tsa puso sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Maganu
Location : FRANCISTOWN
Event : Puisano
Date : 26 Jun 2014