Breaking News

Ba Molepolole ba re ga ba tshwarwe sentle

26 Jun 2014

Banni ba Molepolole ba ngongoregetse go tlhoka go tshwarwa sentle ke bodiredi jwa dikokelo le dikokelwana mo motseng wa bone.

Ba ntshitse ngongorego e mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae kwa kgotleng yoo Ratshosa le GaMorwa kwa Molepolole ka Labobedi.

Ba boleletse mothusa tona gore ga gona booki jo bo tsepameng le boitshwaro jo bo nitameng mo dipateleng, ke sone se dintsho di ileng kwa godimo. Ba re ba lapisitswe ke mela e meleele e bile go sena therisano magareng ga bodiredi  le balwetse, ba supa fa boitshwaro jwa bodiredi e se jo bo amogelesegang  gotlhelele.

Mongwe wa banni, Mme Kefilwe Morake a re o  tshwenngwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa bomme ba ba senyegelwang  kwa dipateleng. Mme Egnes Kenaope ene o supile fa dikobo di tlhaela kwa sepateleng ntswa go le paka ya mariga, a re seemo se, ga se jese diwelang  ka se okeletsa balwetsi ditlhabi. 

O tsweletse gape a re maduo a ditlhatlhobo tsa kankere ya molomo wa popelo a tsaya sebaka se seleele mme a kopa gore lephata le dire gotlhe go a fefosa.

Fa a tsibogela dingongorego tsa banni, Dr Somolekae o kgadile a sa kgwe mathe boitshwaro  le maitseo a a sa letlelesegeng mo tirong, a kaya gore ke sone se lephata le tsileng ka ditselana le seelo sa maitsholo a bodiredi gore ba nne le boitsholo jo bo eletsegang mo balwetseng.

A re o kopile bodiredi gore bo ithute go buisana le balwetse go ba lekodisa gore ke eng go na le tiego  go na le gore ba nne ba sa itse gore ke eng se se diyang gore ba bone thuso.

O tsweletse a re go boammaaruri gore dikobo di a tlhaela kwa Scottish Livingstone mme a tlhomamisa fa ba tla dira gotlhe mo go tshwanetseng go baakanya seemo seo.

A re mela e meleele e bakiwa ke gore bodiredi bo a tlhaela mo dipateleng ka dingaka di tlogela tiro ka dipalo tse di kwa godimo ka ntlha ya dituelo tse di sa ba kgotsofatseng. 

Le fa go ntse jalo, a re lephata la gagwe le solofela gore seemo se tla tokafala ka e bile ba solofetse go alosa dingaka  mono gae ngwaga e e tlang.

O tlhalositse gape gore dintsho tse dingwe tsa bomme tse di amanang le boimana ba belaela di bakiwa ke go senya boimana, jalo a kopa batsadi gore ba bue le bana  e bile gape ba ba age ba sale ba botlana ka gore lore lo ojwa le sale metsi.

A re go tlhokafala ga batho ba le bantsi kwa dipateleng go bakiwa ke dilo di le dintsi di akaretsa go tla ka bolwetse bo setse bo jweleletse le go tlogela dipilisi ga balwetse bangwe ba ise ba fole.

Le fa go ntse jalo, mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa go nna le therisano le kutlwisisano fagare ga bodiredi le balwetse. Mo go tse dingwe Dr Somolekae o boleletse batsadi gore o tshwenngwa ke bana ba ba tlhaelang dikotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : GABORONE

Event : Phuthego Tsa Kgotla

Date : 26 Jun 2014