Breaking News

Sekole sa Maikano se ipelela ngwao

26 Jun 2014

Sekolo se segolwane sa Maikano mo Gaborone se ne se ipelela letsatsi la ngwao ka sethogo se se reng: Itlodise Melatswana ka Setswana e Leng Modi, Seriti le Seipone sa Setshaba”.

Ba ipela ka letsatsi le nako le nako morago ga ngwaga tse pedi. Motshwarelela tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi yo e neng ele moeng wa tlotla o ne a itumelela taletso le go nna le seabe mo tirong ya letsatsi a bolela fa a ratile thata setlhopha sa moopelo segolo bogolo mme ebile a solofetsa go ba thusa go gatisa dipina tsa bone.

Kgosi Dihutso one a amogela dikgafela tsa thobo ee nametsang e ba e boneng monongwaga morago ga dipula tse di namagadi. Bomme bane ba rwele dijo ka ditlatlana ba apere ditjale le mateise borre bone ba eteletse pele ka dithupa ba apere dijase go jewa dikoma.

Fa a latlhela la gagwe kgosi one a rotloetsa bana ba sekolo go ithuta Setswana le ditso tsa Setswana thata a tswelela a bolela fa ele bone ba ka tshegetsang ngwao.

Kgosi Dihutso o ne gape a ba kgothatsa go tsaya malebela mo bagolwaneng gore ngwao ya bone e seka ya felela mo phefong, a bua gore “tshaba ee senang ngwao ke moka e suleng.”

Mogokgo wa sekolo Mme Lilian Rampha are maduo a Setswana mo sekoleng ga a nametse ebile a digela maduo a dithuto tsa bana ko tlase.  Mogokgo o rotloeditse baithuti go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo le go lemoga bo mosola le boleng jwa yone.

Mme Rampha a re Batswana ba tshwanetse go ipelahatsa ka ngwao ka gore ngwao ya Setswana e humile ditso go simolola ka diaparo, dijo le ditiro ka go farologana. Mogokgo one a re gape ngwao e ka ba thusa go nna le bokao le seriti, ka ba kgona go itshetsa le gone go iphapha le go iphemela ka yone.

Mokgothatsi Rre Moroka Moreri o ne a re ngwao le poko ya Setswana di mo tsamaisitse mahatshe ebile o itshetsa ka tsone. Rre Moreri a re Setswana ga se tlhabise ditlhong ka jalo baithuti ba tswanetse go ipela ka sone.

Rre Benson Phuthego le ene one a ama baithuti ka lefoko la kgothatso gore ba itsee tsia ebile ba tsee ngwao ya bone tsia. One a fa dikai ka ene gore o simolotse go boka a sale monnye mme ebile ke ka Setswana sa gagwe gobo a le fa aleng teng gone jaana ele mmoki yoo itsegeng.

O tlhalositse fa ene a itshetsa ka poko ka jalo baithuti ba seka ba ipona tsapa go nonotsha dithuto tsa bone le ngwao ya setswana. Rre Phuthego a re “lore le ojwa le sale metsi” ka jalo talente e tshwanetse go nosediwa ngwana a sale monnye.

Fa a tsisa malebo, Modulasetilo wa mokgatho wa barutabana, batsadi le bana Rre Paul Kabo o ile a gatelela gore kemo nokeng ga se ee jesang diwelang ka jalo o rotloeditse batsadi go ema nokeng bana ba bone mo diphuthegong le mo bokopanong ka gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Rre Onalenna Keitseope o ne a natefisa le go segofatsa letsatsi ka mmino wa sedumedi ga tloga ga thunya lerole ditlhopha tsa dikhwaere tsa Maikano di iteisana borathana, bangwe ba supa talente ka go boka fa ba bangwe ba dira ditshupetso ka diteme tse di farologaneng.

Morago ga jewa dijo tsa Setswana ka mefuta jaaka kabu, sesoswana le tse dingwe.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tsholofelo Motswagae

Location : GABORONE

Event : Moletlo wa go ipelela ngwao

Date : 26 Jun 2014