Breaking News

Banni ba amogetse mogopolo

26 Jun 2014

Banni ba Mahalapye le Palla-road ba amogetse ka bongwe  fela  jwa  pelo  mogopolo  wa  ba  lephata  la  metsi  wa  go  agiwa ga phaephe e e tla bong e goga metsi  go tswa kwa  letamong  la Dikgatlhong go ya kwa borwa jwa lefatshe leno.

Ba amogetse mogopolo oo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba lephata la metsi ba ba neng ba tlhalosa fa masimo a batho bangwe ba Radisele, Mahalapye, Palla-road le Dibete gammogo le meraka a tla amiwa ke tiro eo.

Ba tsweletse ba bolela fa maikaelelo a go dirwa ga tiro eo ele go rarabolola kgang ya go tlhaela ga metsi mo dikgaolong tse di mo borwa jwa lefatshe leno.

Bagolwane bao ba re diphaephe tseo  di tla goga metsi go nosa batho ba dikgaolo tsa Borolong, Ngwaketse, Lobatse, Moshupa, Kweneng, Kgatleng le metse mengwe ya kgaolo ya Shoshong jaaka Moralane le Mosolotshane.

Ba tlhalositse fa maikaelelo a diphuthego tse ba di tshwarang  ele  go  lekodisana le setshaba  le go abelana megopolo ka ditlamorago tse di ka bakiwang  ke tiro eo.

Mongwe wa bagolwane bao, Rre Mosalagae o tlhalositse gore e tla re morago ga tiro eo, ba age phaephe e e tla gogang metsi kwa nokeng ya Chobe go dirisiwa ke balemi ba Pandamatenge, a e tla reng morago a nose batho ba dikgaolo tsa borwa.

Fa ba tswa la bone, banni ba re ere ntswa ba amogela ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong ya bone, ba utlwisiwa botlhoko ke dikatso  tse di kwa tlase tse puso e phimolang batho keledi ka tsone ka jaana ba sa kgone go itirela sepe ntswa lefatshe la bone le tserwe.

Ba file sekai ka konteraka e e neng e dira tiro ya go tsenya dipompo tsa kgopo metsi a leswe kwa Mahalapye, e ba reng e ne ya thuba matlo,  mangwe a ranyega mme ba sia ba sa duela batho ditshenyegelo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgomotso Faesone

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2014