Breaking News

Mokhanselara o lela ka seemo sa ditsela

26 Jun 2014

Mokhanselara wa Mosomane Bophirima, Rre Solomon Ruele o boletse fa seemo sa ditsela  mo kgaolong ya Kgatleng se sa jese diwelang.

Fa a bua mo phuthegong ya khansele ya Kgatleng, Rre Ruele o tlhalositse gore seemo sa ditsela tse di sa tsamaegeng se a tshwenya mo dikgaolong ka bontsi.

Mokhanselara Ruele a re tsela ya Kgomodiatshaba- Atesia e sale e gopilwe ka 2011, ka jalo e tshwanetse go dirwa sesha ka e sa tsamaege. O tsweletse a tlhalosa fa tsela eo e kgoreletsa go isa ditlamelo kwa morafeng e bile e senya dikoloi gammogo le go tsenya bodiredi bokoa.

A re ga gona dikoloi kwa dikgotleng mo metsaneng ka bontsi mme seo se folodisa maiteko a go thusa go tshwaragana le basepodisi go lwantsha bogodu jwa leruo.

Mokhanselara wa Rasesa, Rre Eric Ramosako o boletse fa bothata jwa dikago tse di seng mo seemong se se siameng mo kgaolong ya Kgatleng se tshwenya, a tlatsa ka gore ba kopa gore tsela ya Dikgonnye –Rasesa e gopiwe e tle e kgone go tsamaega. O tsweletse a tlhalosa fa ba lebogela ditanka tsa matlakala tse ba di filweng.

A re kgaogo le go thubega ga diphaephe tsa metsi kwa Rasesa di a tshwenya, ka jalo a kopa lephata la metsi go tsibogela seemo seo ka gole gantsi ga le dire sepe fa le begelwa dikgang tsa mofuta o.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Bogare, Rre Joseph Setoutwe o tlhalositse fa ba tshwenyegile ka fa lephata la metsi le tsibogelang mathata le go araba dingongorego tsa bone ka teng, a re e bile ba setse ba ipotsa gore a mme le na le ponelopele.

A re gole gantsi lephata leo fa le begelwa mathata a diphaephe tse di thubegileng, ga le tsiboge ka nako, metsi one a senyega mme seo se a tshwenya fela thata ka e bile go ntse go nale tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno.

Fa a araba, mogolwane mo lephateng la metsi wa kgaolo ya Mochudi le Molepolole, Mme Boitumelo Kgaodi o tlhalositse fa diphaephe tsa metsi di rusa mo tsamaong ya nako mme letlhoko la madi le paledisa lephata go di fetola kana go tlhatswa metsi ao ka bofefo jo setshaba se bo solofelang.

Mme Kgaodi o tlhaloseditse khansele fa sebeelo sa metsi se sa kgone go tlhatswa metsi a mantsi, a tlatsa ka gore ba na le kgwetlho e tona ya letlhoko la madi gammogo le dikoloi mo lephateng leo, ke  ka moo ba ileng ba tlamega go dirisa sediba sa Sikwane go ntsha metsi.

O boletse fa dingongorego tsa batho ba ba sa kgoneng go amogela makwalo a gore ba duele metsi di tla a baakanngwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 Jun 2014