Breaking News

Serala ke mabeelo a konokono

26 Jun 2014

Balemi kwa Masunga ba tshegeditse ngwao ya go baya thobo ya bone mo diraleng.

E re ka jaana monongwaga balemi ba bone thobo e e nametsang, dirala di tsweletse ka go runya mo malwapeng a le mantsi mo motseng.

Fa a bua mo potsolotsong ka Labobedi, molemi mongwe wa motse oo, Mme Banana Maputako,  o tlhalositse fa serala se le mosola thata mo go sireletseng thobo go senngwa ke diruiwa e bile gape  se thusa go tlhomamisa gore thobo ga e kopakopane le mmu le go jewa ke motlhwa.

Mme Maputako, yo o agileng dirala tse pedi monongwaga, a re o ikaelela go tswelela a aga serala ngwaga le ngwaga fa a lemile, maikaelelo e le gore dikokomane  tsa gagwe di gole di fitlhela go na le dingwe tsa ngwao  mo lwapeng.

E rile a tswa la gagwe, molemi yo mongwe Mme Tebogo Lewatle, yo ene a tlhalositseng fa a dule matlho a fitlhela go lengwa mo lwapeng la gaabo, o supile fa morafe wa Bakalaka o rata e bile o tlotla ngwao ya bone fela thata.

A re se ke sone se se dirang gore go bo go santse go agiwa dirala ka bokete mo Masunga le mo metseng e mengwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Mme Lewatle o tlhalositse fa serala se baya thobo ka go farologana jaaka mabele, mmidi le lebelebele. O tlhalositse fa serala se se agilweng ka mapako se siame thata ka se tsenya phefo e e lekanetseng mo dijong go di itsa go bola.

Molemi yo mongwe yo ene a agileng dirala tse tharo, Mme Gobe Kamonombe o tlhalositse fa serala sa mapako se itse go baya mabele sentle fa go tshwantshanngwa le se se dirilweng ka ditena le disenke.

Mme Kene Tjikwakwa le ene o tlhalositse gore e re le ntswa serala se itse go somarela thobo, ene o beile thobo ya gagwe mo ntlong go fokotsa ditshenyegelo tsa go thapa batho go mo agela serala.

Molemisi wa motse oo, Mme Gagolelwe Kwele o tlhalositse fa balemi ba dira dirala tse di farologaneng  mme a bolela fa serala sa mapako se le botlhokwa fela thata ka phefo e kgona go tsamaya sentle mo thobong ka e a bo e sa pitlagana.

O tlhalositse fa temo e nnile ntsi monongwaga segolo jang mo go ba ba kgonneng go lema ka dipula tsa ntlha.

Molemisi o kopile balemi go tla go ikwadisetsa dipeo tse ba tla di dirisang mo temong e e tlang.

Mme Kwele o gakolotse balemi ba ba eletsang go tsenelela dikgaisano tsa ditshupo tse di tla tshwarwang kwa Masunga ka Phukwi ,go ikwadisa go ya supa thobo ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 26 Jun 2014