Ba lebogela mananeo a puso
25 Jun 2014
Banni ba Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lebogetse go bo puso e tsweletse ka go itebaganya le dikgwetlho tse di akaretsang bolwetse jwa HIV/AIDS, go nyeletsa lehuma le go tswa ka mananeo a a itebagantseng le bana le bogole.
Banni ba ne ba bua se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona mo ofising ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Gaotlhetse Matlhabaphiri.
Ba re go a itumedisa go bona ha puso e lemoga gore bana le bogole bangwe ba santse ba gateletswe ke dikgwetlho tsa botshelo hela ka ntata ya seemo sa bone sa botsogo le mororo ba na le bokgoni jwa go ka itirela kgotsa go thusiwa fa ba ka fiwa sebaka.
Ba re hela jaaka Motswana mongwe le mongwe, mona le bogole le ene o tlhoka go emelwa ka dinao, go tlhokomelwa mmogo le gone go akola tsotlhe tse di akolwang ke bao ba ba senang bogole ka ebile go dira jalo go ka ba kgothatsa thata mo botshelong.
Fa ba itebaganya le kgang ya nyeletso lehuma, banni ba motse wa Ditshegwane ba boletse fa le ntswa ba itse ka lenaneo le mme ebile ba na le kgatlhego e tona ya go kopela ka bontsi mananeo a lone, sebe sa phiri ke go bo ba tlhaelelwa ke ditlamelo dingwe tse di ka ba kgontshang go dira jalo.
Ba boleletse mothusa tona Rre Matlhabaphiri ha go tlhoka diofisi ga molemisi le mokenti ba kgaolo ya bone e le gone mo ba go supileng ka monwana gore ke nngwe ntlha e e ba busetsang kwa morago mo go inaakanyeng thata le mananeo a nyeletso lehuma ka jaana mananeo ka bontsi a nyeletso lehuma e le a a amanang le selemisi le sekenti.
Ba kopile ka bongwefela jwa pelo mo go mothusa tona Rre Matlhabaphiri gore matshwenyego ao a bone a tsibogelwe ka jaana go sa ba bee sentle go paka ditlamelo ko Letlhakeng le mororo ba tliseditswe molemisi le mokenti mo motsing wa bone mme ba sena ditlamelo kgotsa didirisiwa.
Mo go tse dingwe, banni ba Ditshegwane ba ne ba lekodisa mothusa tona fa go atolosediwa ga motlakase le metsi kwa ditsheng tse disha mo motsing wa bone go tsaya nako mme seo se ba diela nako ya go itlhabolola go ya ka fa ba batlang ka teng.
Ba mo kopile gore a ba ele ko go ba ba lebanyeng go ya go ba boletsa gore matsapa dia tsaya kae bogolo jang ba itebagantse le ba khampani ya metsi ya Water Utilities e ba kaileng fa e ba bolaisa lenyora fela thata mo motsing wa bone.
Ba re e re le mororo ba nna ba kgaletswe ke metsi mme ebile a sa atolosiwe , khamphani eo e tswetse dingwe dipompo tsa morafe tse di neng di ntse di dira gore tshokolo ya go bona metsi e tokafale.
Fa a ba kgwa dikgaba, mothusa tona o ne a bolelela banni bao fa lefatshe leno le ntse le faraferwe ke bothata jwa go tlhaelelwa ke metsi le motlakase mme seemo seo go lekwa ka bojotlhe gore se busediwe mo taolong.
A re ba se itlhoboge mme ba nne ka tsholofelo ya gore go tlaa siama.
Mothusa tona Rre Matlhabaphiri o ne a etetse banni ba motse wa Ditshegwane mo go e mengwe e a neng a e etetse mo kgolong ya botlhophi ya Kweneng bophirima go ba lekodisa ka dikgang di akaretsa HIV/AIDS, Nyeletso lehuma le ka mananeo a amang Bana le bogole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2014