Motlobo o tlhaelelwa ke ditsompelo
25 Jun 2014
Motlobo wa dibuka wa kwa Gumare mo kgaolong potlana ya Okavango o saletse kwa morago ka ntata ya go tlhaelelwa ke ditsompelo jaaka ditafole, ditilo le dibuka.
Se se builwe ke modiri wa motlobo wa dibuka, Mme Otirelo Dithokwe mo potsolotsong bosheng. A re dibuka di tshwana tsa ngwao, melao gammogo le tsa ditiro tsa diatla di santse di le boutsana.
O boletse fa banni ba Gumare ba itse ka motlobo o mme dipalo tse yang teng e le tsone di mo thobaetsang, mme a supa gore ka kgwedi ya Moranang, dipalo di supa gore bomme ba le babedi ba ne ba etetse motlobo oo.
Le fa go ntse jalo, a re go supa fa borre ba kgatlhegela motlobo ka dipalo tsa bone di ne di le masome a mane ka nako e ba neng ba seka seka ka yone, mme a re se se supa fa bomme ba sa etele motlobo wa dibuka.
O boletse fa banni ba Gumare ba dirisa motlobo o ka mabaka a gore go na le dibalamakgolo,dipampiri tsa dikgang le tse dingwe.
Mme Dithokwe o tlhalositse fa ba kile ba bo ba na le maranyane a enthanete fa ba simolola mme mo bogompienong a seo.
O boletse fa ba ruta banni ba Gumare ka motlobo wa dibuka kwa diphuthegong tsa kgotla le tsa dikolo mme a re o eletsa go bona ditilo le ditafole tsa motlobo di okeditswe, dibuka tsa ngwao le melao di le teng, gammogo le maranyane a enthanete a buseditswe mo tirisong.
Mme Dithokwe a re o rotloetsa setshaba go etela motlobo wa bone go ya go bala ka go sa tsenwe ka madi mme ebile ba na le dipampiri tsa dikgang, dibuka tsa Botswana College of Distance and Open Learning (BOCODOL) le tse dingwe.
Go gatelela se Mme Dithokwe a se buileng, modiri wa motlobo wa dibuka kwa BOCODOL, Mme Khulela o ne a rotloetsa bana ba sekolo go etela motlobo wa dibuka o o mo motseng.
A re ba ikopantse le ba motlobo wa dibuka o o mo motseng go ba fa dibuka tsa ithutuntsho, dipampiri tsa ditlhatlhobo tse di fetileng le tse dingwe ka se se ka thusa go tokafatsa maduo a bone kwa dikolong.
Mongwe wa bagolo mo motseng yo o dirisang motlobo oo wa dibuka, Rre Babui Batshabeng wa moithuti kwa thuto ga e golelwe a re o lebogela go nna teng ga motlobo wa dibuka mo kgaolong ya bone.
A reo ba thusa go ithuta go bala, go dira tiro ya sekolo gammogo le go rutiwa go dirisa dibalamakgolo. O tlhalositse gore se ke nngwe ya tsela ya go ipetlela bokamoso.
Le fa go ntse jalo mongwe wa banana mo motseng, Metlhaetsile Kebalepile o ngongoregela maranyane a enthanete a a seyong.
O boletse fa se se dira gore a goge maoto go ya kwa motlobong wa dibuka wa motse mme a felele a ile kwa mafelong a a nang le enthanete e e duelelwang le mororo go le turu.
Monana wa sekolo sa Ngethu, Omphile Tsele le ene o supile ngongora fa a re ga gona dibuka tsa ditiro tsa diatla, mme se se baitsapisa go etela motlobo oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 25 Jun 2014