Breaking News

Emisang kgotlholo e tona - Banda

25 Jun 2014

Banni ba meraka ya Makolwane gaufi le toropo ya Orapa ba gakolotswe go tshwaragana le ba lephata la botsogo go lwantsha bolwetse jwa kgotlholo e tona, TB. 

Kgakololo e, e ntshitswe ke mookamela ditirelo tsa bolwetse jwa TB kwa bokone, Mme Grace Banda ka Labobedi, Seetebosigo a tlhola malatsi a masome mabedi le bone jaaka ba ofisi e e laolang ditirelo tsa botsogo mo Boteti e ne e ruta banni ba lefelo leo ka ditlamelo tsa botsogo ka go farologana.

Mme Banda a re lephata la botsogo le tshwenngwa ke go bona dipalo tsa balwetse ba TB di golela pele le fa ba tsweletse ka go ruta le go ntsha kalafi. 

O tsweletse a re go oketsega ga dipalo tsa balwetse ba TB le dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jo mo kgaolong potlana ya Boteti, go gwetlhile lephata la botsogo go rwala ditlhako go ruta setshaba ka jone. 

O supile gore ka 2009 kgaolo potlana ya Boteti e nnile le balwetse ba TB  ba le  297, mo go bone ba le 27 ba feletse ba tlhokafetse. Ka 2010 gone, batho ba le 284 ba ne tshwarwa ka mogare wa TB mme ga tlhokafala ba le 13. 

Mme Banda o tsweletse a supa gore ka 2011 dipalo di ne tsa wela tlase ka go ne ga kwadisiwa balwetse  ba le 216 mme ba le 15 ba tlhokafala. 

A re dipalo tsa balwetsi ba TB di ile tsa oketsega ka 2012 ga bo ga kwadisiwa dintsho di le 21.

O tsweletse a supa gore dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba gapelwang matshelo ke bolwetse jwa TB, di dira gore palo ya malwapa a a tlhokang go tlamelwa ke puso e gole. 

Mme Banda a  re sengwe se se tshwenyang gape ke gore mogare wa TB o kgona go tshelanwa ka jalo go botlhokwa gore setshaba se nne le kitso se tle se kgone go thusa ba lephata la botsogo go lwantsha bolwetse jo.

O supile gape gore go tlhoka go tsaya kalafi sentle go dira gore mogare wa TB o nne dikgoka mme o felele o gana go kokobala le fa molwetse a tsweletse ka go nwa dipilisi, a tlatsa ka gore molwetse wa seemo se o felela a tlhokafetse. 

A re yoo ka falolang seemo se, o fiwa kalafi mo lebakeng le le fetang ngwaga mme o ka felela a latlhegetswe ke kutlo kgotsa pono.

O gakolotse ba ba fiwang kalafi ya TB go emisa go aba dipilisi tse ba di fiwang ke ba lephata la botsogo. 

O tsweletse a bolela fa bangwe ba dumela thata mo bongakeng jwa Setswana, kalafi ya sepatela e tshwanetse go dirisiwa ka gore bongaka jwa setso ga bo ise bo kgone go alafa bolwetse jo. 

Mme Banda a re bolwetse jwa TB gape bo busetsa maduo mo tirong kwa tlase ka gore bangwe ba tsaya lobaka ba sa kgone go ya tirong fa ba bangwe ba latlhegelwa ke nonofo ya go dira ka natla.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la dithuthuntsho tsa botsogo

Date : 25 Jun 2014