Lekgotla le foseditse Bakwena-modulasetilo
25 Jun 2014
Modulasetilo wa lekgotla le le tona la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng o amogetse gore ba foseditse morafe wa Bakwena ka go abela morui mongwe yo o tumileng lefatshe go aga matlhabelo mo lefelong le le neng le seegetswe fa thoko go dirisediwa ditiro tsa morafe tsa bojanala.
Modulasetilo o tlhomamisitse se fa a lekodisa morafe mo phuthegong kwa kgotleng ya Ratlhomelang kwa Molepolole.
A re, e re ntswa a le mosha mo setilong, ga a tlhaloganye gore lekgotla la nako eo le ne le lebile eng fa le abela Rre Clement Kgosiemang setsha se se mo godimo ga dithaba tse di mo tseleng ya Lentsweletau/Molepolole sa bophara jwa dikhilometahara di le 3.3, a bolela fa se se diragetseng e le phosego.
Rre Babitseng a re o dumela fa go ya go supa botlhaswa mo letlhakoreng la lekgotla la kabo ditsha ka jaana tshwetso e tserwe kgatlhanong le bogakolodi jwa dikomiti di tshwana le lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Molepolole le komiti e tona ya bogakolodi ka tiriso ya lefatshe ya DLUPU.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile fa go le thata mo nakong eno go ka tswa ka karabo ya gore lekgotla le tla a tsaya tsela efe go tlisa tharabololo mo kgannyeng e, segolo jang ka e akaretsa mabitla ka jaana go ya go tlhoka morero le ba ba amegang.
O bile a supa gape fa kgang eo e santse e mo thatafalela ka jaana ele mo makgotleng a ditsheko, le ntswa go ne ga ntshiwa katlholo ya yone ke mmakaseterata yo mogolwane wa Molepolole, Rre William Modise a laela ba kabo ditsha go ya go kopana le makgamu a amegang go rarabolola kgang mo dikgweding tse pedi mme nako kgolo ke eno.
Le fa gontse jalo, morafe wa Bakwena o batla tlhaloso ya gore molemi morui yoo o abetswe jang lefatshe leo go sena morero.
Ba tlhalosa fa go abela Rre Kgosiemang lefatshe go kgopakgopetsana le morafe ka jaana ba supa ditsha tsa gagwe tse di akaretsang masimo a mabedi a a bolelang fa a a rekile a akaretsa mabitla a morafe le sediba sa puso, tse mo nakong eno di ageletsweng e bile morafe o sa tlhole o na le tshwanelo mo go tsone.
Morafe o tlhalosa fa o beilwe setsha sa mabitla se Rre Kgosiemang a reng ke sa gagwe ka 1982 mme ba re morui yoo, o se ageletse morago ga go bolokwa ga kgosi wa kgaolo eo Rre Gaorutwe Mokopotsa le monni mongwe wa kgaolo ya Magokotswane mo go sone.
Tiego ya tharabololo ya kgang ya ga Rre Kgosiemang mabapi le mabitla a a kwa kgotleng ya ga Ratlhomelang, go lebega e ya go baya morafe wa Mokwena ka fa mosing ka jaana mabitla a Masu-a-Ditshwene, a eleng one a morafe wa Bakwena o ntseng o boloka mo go one a setse a tletse.
Morafe gape o lela ka go lopiwa madi madi le dikgomo fa leruo le raletse naga e rre yoo a kayang ele ya gagwe. Mokwalo wa teseletso o ba BOPA ba kgonneng go o bona o supa fa lefatshe le le mo diatleng tsa ga Rre Kgosiemang le ka nna bophara jwa dikhilomethara di ka tshwara 15, kgatlhanong le tlhaloso ya ga modulasetilo ya gore bone ba tlhaloganya fela 3.3 wa kgwebo ya matlhabelo.
Ga se Rre Kgosiemang fela yo o amegang mo madudubeng a go abelwa setsha mo lefelong le go kaegang ele la ditiro tsa morafe, Rre Sebomo le ene o ya go akola meamuso ya tlholego e e dikaganyeditseng kgaolwana eo ka kgwebo ya gagwe ya motel.
Mongwe wa banni, kgosana Rre Batshwanetse Mosarwa a re peo ya ga Rre Kgosiemang e ne e le fela gore a kgone go bona pusolosetso ka jaana thulaganyo ya gore tsela e e dikologang motse e ya go feta foo e tsepame.
Rre Sethiba Kgalaeng, yo o kileng a nna tokololo ya lekgotla le le tona la kabo ditsha la Kweneng o gateletse mafoko a ga Kgosi Mosarwa gore lekgotla la kabo ditsha le ne le itse ka thulaganyo ya lefatshe leo ka jaana komiti ya DLUPU e sa bolo go gakolola fa lefatshe leo ele la ditiro tsa morafe wa Bakwena. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2014