Breaking News

Ikwadiso ya ba lekwalo la ntlha e simolotse

25 Jun 2014

Batsadi ba kgothaditswe go tla ka ditlankana tsa bana tsa matsalo go ba kwadisetsa lekwalo la ntlha.

E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kelekele kwa Gumare, Rre Mosobotwane Sephatonyane a re ba tla a kwadisa bana ba ba tshotsweng go ema ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2009 fela.

O tsweletse a tlhalosa fa bana ba ba tla a simolola dithuto ka kgwedi ya Phalane fa bana ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone.

Morutabana, Mme Edith Pule o kopile batsadi go apesa bana diaparo tse di bothitho e bile di le phepha gape di tsamaelana le mmala wa paka ya sekole.

Mme Pule o tlhalositse gape fa go le  botlhokwa  go tlhapisa bana a re go thibela leswe le le ka bakang malwetsi.

O tsweletse a kopa batsadi go jesa bana mo mosong pele ba tla sekoleng go fokotsa tlala e e ka dirang gore bana ba se tlhwae tsebe mo dithutong, a bolela fa gape go na le letlhoko la dijo mo sekoleng seo.

E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Mosobotwane Tuelo a kgalela borre go goga dinao mo go tseyeng karolo mo dithutong tsa bana ba bone jaaka ba sa tsenelele diphuthego mo sekoleng.

O kgothaditse borre go ema ka dinao ka go tshwaragana le bomme le barutabana go tlhabolola thuto ya bana ba bone.

Mongwe wa batsadi, Mme Obusitswe Sarefo o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go netefatsa gore ba tsena sekole sentle.

A re bana ba bangwe ba sekole seo ba ya kwa molapong dithuto di ntse di tsweletse, kwa ba fetang  ba palama ditonki tsa batho mme a re se, se diga maduo a dithuto fela thata. O kopile batsadi go thusa bana tiro e ba e fiwang go ya go e direla kwa malwapeng.

Motshwara madi wa komiti eo, Mme Onkabetse Oagile ene o kopile batsadi go ntsha madi a ditlhabololo e le tsela ya go thusa puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : GUMARE

Event : Phuthego

Date : 25 Jun 2014