Breaking News

Badiragatsi ba kopilwe go itsetsepela

25 Jun 2014

Mmino wa polka o tlotlomaditse ngwao ya Kgalagadi ka o setse o oka le bajanala tota.

Se, se boletswe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto kwa Tsabong bosheng jaaka ditlhopha di le lesome le bosupa tsa mmino wa polka di ne di iteisana borathana go ipaakanyetsa go ipaakanyetsa makgaola kgang a dikgaisano tsa malatsi a ga tautona.

Molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o tlhalositse fa mmino wa polka o simolotse go tlhagelela mo dikgaisanong tsa malatsi a ga tautona ka 2011  ka ditlhopha di le nne fela mo kgaolong eo, a  kaya fa mo ngwageng ono mmino oo o godile thata ka ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di le lesome le bosupa.

O kaile fa maikaelelo magolo a dikgaisano e le go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng e e farologaneng ya lefatshe leno. Mme Mosala o supile gape gore dikgaisano di dirile phetogo e ntsi  thata mo bananeng ka ba sa tlhole ba gobea mo mebileng jaaka pele.

O  gakolotse ditlhopha  go ema tse dingwe nokeng le go tsaya malebela mo go tsone ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng mmino wa bone. Leloko la Ngwao  Loshalaba  Association, Rre Keith Bafenyi o kgothaditse ditlhopha go dira maitiso gore ba ikokoanyetse  madi gammogo le go  godisa  mmino wa bone.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona, Rre  Mogomotsi  Kaboeamodimo o tlhalositse fa go na le mokgatlho o badiragatsi ba  ikwadileng mo go one, o ka one ba tla a kgonang go duelelwa dipina tsa bone tse di lediwang mo seromamoweng sa setshaba.

Setlhopha sa mmino wa Polka sa Gareng ga Dithota sa Khawa se ne sa ikgapela maemo a ntlha,  sa lomiwa serota ke sa Trek e Ding sa Vaalhoek, a boraro a gapiwa ke ba  Speel ga  Nog go tswa kwa Bokspits fa a bone a tserwe ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa  Stuizendam. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Dikgaisano tsa mmino

Date : 25 Jun 2014