Diphologolo di tlhorontsha banni
25 Jun 2014
Banni ba Sepako mo kgaolong ya Nata/Gweta ba kopile lephata la diphologolo, bojanala le tikologo go epela diphologolo tsa naga sediba kwa CT 5 gore di tlogele go lwela metsi le bone.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Smart Mosweu o boletse fa sediba sa diphologolo tsa naga sa kwa Ngwasha, se lebega se le kgakala le tsone ka jalo di thibelela kwa didibeng tse di nosang batho di lwele thoti le bone mme seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.
O supile fa ba tshwenngwa thata ke bophiri ba ba feditseng leruo la bone mme ba sa bone epe phimolo keledi. A re o kopa gore phiri le yone e tsenngwe mo palong ya diphologolo tse di duelelwang fa di senyeditse batho.
Modulasetilo o ngongoregile ka seemo sa metsi a ba a dirisang a tlhalosa fa a fetola dijo mmala ka a le letswai, ka jalo a kopa gore bogolo ba sielwe metsi a a tswang kwa didibeng tsa Majeretengwa kana Manxotai, ka one a le botoka fela thata .
E ne e rile go le pele a amogela baeng, kgosi wa Sepako Rre Joseph Ramaditse a lebogela mananeo a puso, a supa la Ipelegeng le thapa batho ba le lekgolo le masome a mararo kgwedi le kgwedi .
A re la nyeletso lehuma lone le na le dikgwetlhonyana mme ba lekile go bopa komiti e e tla di seka sekang.
Kgosi Ramaditse o tlhalositse fa nteletsa wa bobedi le sekontere di ngoketse bodiredi kwa motseng wa gagwe ntswa bone bo le maoto a tshupa pele.
O ile a bolela fa ba tswa kgakgala ba kopa puso go ba rebolela lefatshe le le seegetsweng fa thoko gotwe ke la puso, a re le tsere naga yotlhe mo kgaolong jalo bone ba salelwa ke sekidinyana fela.
Kgosi Ramaditse o kopile gore go gokelwe motlakase mo motseng ka o ne o le mo ditogamaano tsa ditlhabololo tsa borobabongwe.
Fa a kgwa kgosi kgaba,tona Mokalake o tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya gore batho ba ka dirisa ditsha tsa masimo go ruela mo go tsone.
O tsweletse a re batho ba rekisa lefatshe ka tsela e e gakgamatsang mme selo seo se tshwenya puso fela thata.
Ka kgang ya kopo ya lefatshe la puso go fiwa banni go le itirisetsa, o boletse fa ba santse ba buisana ka yone mme a ba tshepisa fa a tla isa matshwenyego a mangwe a bone kwa maphateng a a lebaganeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : SEPAKO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2014