Breaking News

Banni ba kopilwe go somarela dipone

25 Jun 2014

Mopalamente wa Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka o kgothaditse batsadi le bana kwa Metsibotlhoko go tshwara dipone tse ba di abetsweng ke ba lekgotla la Bourke Family Foundation ka tshwaragano le ba Botswana Book Project ka manontlhotlho.

E rile a amogela dipone tseo go tswa mo moemeding wa Bourke Family Foundation ebile ele moeteledipele wa Botswana Book Project, Mme Andrea Malenya, Rre Ngaka a supa fa ba segofetse thata  ka jaana bana ba sekole sa motse oo e le bangwe ba se kae ba ba tlhophilweng lefatshe leno ka bophara go akola dimpho tseo.

Rre Ngaka o tlhalositse fa dipone tseo di tla thusa bana thata ka go dira tiro ya sekole le fa gole bosigo ka jaana bontsi bo sena motlakase mo malwapeng.

E rile a itebaganya le batsadi, a bolela fa  tiro ya makgotla oo mabedi, e bong Bourke Family Foundation le Botswana Book Project e fedile mme ee setseng ya go netefatsa gore dipone  di dirisiwa sentle ele ya batsadi.

A re le fa ntswa sekole se se botlana sa Metsibotlhoko se dira sentle, go matshwanedi gore ba rotloetse bana go bala gore maduo a bone a kgatlhise le go feta.

O kgothaditse batsadi go oketsa kemonokeng ya bone mo baneng, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go berekela mo goreng le bone ba bone go na le dialogane tse di dirang ditiro tse di botlhokwa mo setshabeng mme ba tsene mo sekoleng sa motse wa bone.

Rre Ngaka a re seo seka dira gore madi a a dirisitsweng go reka dipone tse e seka ya nna mmoafela.

Rre Ngaka o rotloeditse bana go tshwara dipone tseo sentle gore di seka tsa senyega le gore ba kgone go di tlogelela ba bangwe fa ba fetsa sekole mme a ba lemotsha gore fa ba ka di tshwara ka lerato go ka ba thusa go tokafatsa maduo a bone.

E rile a tswa la gagwe, Mme Malenya a bolela fa dipone tseo, di ka dirisiwa lebaka le le telele e bile se se siameng ka tsone ke gore di dirisa motlakase wa marang a letsatsi.

A re dipone tse ba lekgotla la gagwe ba di abela bana mo mafatsheng a go nang le mafelo a a senang motlakase mo go one jaaka Botswana, Tanzania le Ghana, a tlatsa ka gore mo

Botswana ba abetse bana ba Serinane le Metsibotlhoko mme ba mo tseleng ya go abela ba bangwe kwa Kgope, go bapa le Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng.

A re ba dira jaana gonne ke maikaelelo a makgotla oo mabedi go tsaya karolo mo go nneng le tshaba e e rutegileng ka 2016. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Letlhakeng

Event : Kabo-dimpho

Date : 25 Jun 2014