Banana ba lela ka letlhoko la didirisiwa
25 Jun 2014
Banana kwa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba kaile fa go na le tlhaelo ya didirisiwa kwa ofising ya bone.
Ba ntshitse matshwenyego ao kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke motshwarelela tona mo ofising ya banana, metshameko le ngwao, Rre Vincent Seretse kwa motseng oo bosheng.
Mongwe wa banana, Rre Thebeyame Molefe a re ofisi eo ga e na dibalamakgolo, motshine o o ntsifatsang dipampiri le one motlakase tota.
Rre Molefe a re dinako tse dingwe fa ba ya go kopa dithuso kwa ofising eo, ba fitlhela mmabanana a seo gotwe o ile go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokanang le go dirwa ka dibalamakgolo kwa Molepolole, jalo ba patelesega go boa ba sa bona dithuso.
O kopile puso go tsibogela dilelo tsa bone ka go tsisa didirisiwa tse di tlhokafalang mo ofising eo go dira gore dithuso di bonale motlhofo le gone gore ba kgone go inaakanya le mananeo a banana.
Fa a tlatsa kgang eo, Mme Matlhogonono Kgotcha yo e leng morui wa dikoko tsa setswana, o kopile gore mmabanana wa kgaolo ya bone a fiwe koloi e a tla nnang a e dirisa go lekola dikgwebo tsa bone.
O kopile tona go batlela mmabanana wa kgaolo ya bone mothusi ka a bolela fa a lebanwe ke tiro e ntsi ntswa a le nosi fela.
Fa a tsibogela dingongorego tsa bone, tona o boletse fa a dumalana gore go nale tlhaelo ya didirisiwa mo diofising dingwe tsa puso mme a kaya fa seemo se tla a tokafala mo nakong e khutshwane.
O gwetlhile banana go itshwaraganya le diofisi tsa puso dingwe le dingwe fa ba batla thuso , a bo a ikuela mo maphateng a mangwe a a nang le dikoloi go thusa a a senang tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Amogelang Molatlhegi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2014