Breaking News

Thusang go batla Goitsemodimo Modisane

24 Jun 2014

Setshaba se kopiwa go thusa mapodise a Ramotswa go batla Mme Goitsemodimo Modisane wa kgotla ya Lengana kwa Mogobane.

Goitsemodimo ke mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa. O nyeletse ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome mararo le bongwe (31/05/14). 

O tsamaile a sa bonwa ke ba masika gore o ne a apere diaparo tse di ntseng jang.  Goitsemodimo ke motho yo  o senang pono e e tlhapileng, o bonela gaufi. O boleele jwa 1.65metres. O mmala wa thupa tsa maretlwa (light in complexion). 

Yo o ka bonang motho yo o kaiwanag o kopiwa go leletsa mapodise a a gaufi mo nomorong ya 999 kgotsa mapodise a Ramotswa mo nomorong ya 5390217/ 5390034 kgotsa ya mahala ya 0800600102. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Patlo ya motho

Date : 24 Jun 2014