Breaking News

Tsholofelo ga e tlhabise ditlhong

24 Jun 2014

Banni ba Gani kwa kgaolong ya Okavango ba re ba solofela fa go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le wa Mhembo e tla araba mangwe a matshwenyego a bone.

Mo potsolotsong bosheng, banni ba tlhalositse fa ba ntse ba sokola go akola ditlamelo le mananeo a puso ka jaana tsela eo e ntse e sa tsamaege.

Ba re ba dumela gore badirela puso ba tla kgatlhegela go ba atameletsa ditirelo, e le tsela nngwe ya go ba kgaola mosepele ka ba na le kgwetlho ya dipalamo.

Go tswa mo motseng oo go ya Mhembo ke dikhilomethara di ka tshwara masome a mararo mme ga gona le fa e le sepalamo sa setshaba. Banni ba teng ba nna lesego fela fa ba ka bona dikoloi tsa puso kana dikara tsa ditonki.

Modiri wa kgotla,  Rre Moneedi Bagaisamang o boletse fa letlhoko la dipalamo le kgoreletsa tiro ya bone, a supa fa ba kgona go nna dikgwedi ba sa phuthe madi a dikoloto ka ntlha ya koloi.

A re le bakwaledi ba kgotla ba na le kgwetlho ya go isa madi kwa mabolokelong ka ntlha ya go tlhoka koloi a tlatsa  ka gore seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.

Banana bangwe ba motse oo ba re, e re le ntswa ba ne ba na le kgatlhego ya go akola mananeo a puso, sebe sa phiri ke go tsaya leoto la go latela diofisi kwa Shakawe go sena dipalamo le fa e le one madi a a ba pegang, jalo seemo seo, se ba kgoba marapo mme ba felela ba inaakanya le lenaneo la Ipelegeng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Lekgoa Monowe o boletse fa motse oo o aparetswe ke lehuma le letlhoko la ditlhabololo.

A re mananeo a puso a a goroga mo motseng mme go bokete mo banning go a dirisa ka bangwe ba sena tsotlhe tse di tlhokiwang. A re mathata a mangwe ke gore ga gona mmaraka mme seo se paledisa ba le bantsi go ikopela mananeo.

O boletse fa bangwe ba atlegile mo mananeong a nyeletso lehuma a tlhalosa ba na le dimausu di le tharo le ba ditshingwana tsa merogo ba le bane fa ba le babedi ba solofetse go fiwa dikoko tsa Setswana.

Rre Monowe a re banni ba motse oo ba itshetsa ka lenaneo la Ipelegeng le temo e e sa ba busetseng jaaka ba ne ba solofetse ka ba tlhorontshiwa ke ditlou.

O boletse fa ditlou tseo di ba tsenelela le mo matlong go ja thobonyana e ba e boneng.

E re ka komiti ya ditlhabololo e filwe boikarabelo jwa go ditlhabololo motse, Rre Monowe o boletse fa mo motseng wa bone e le selelo le khuranyo ya meno ka jaana bahirisi ba sa duele matlo a komiti go ya ka ditumalano.

A re ba ba duedisa P100 ka kgwedi mme gompieno ba kolotiwa madi a a fetang P37 000.

O tlhalositse fa ba ntse ba mpampetsa ka jaana bontsi jwa matlo a nna badirela puso mme a supa fa jaanong ba ikaelela go gagamatsa setoropo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : GANI

Event : Potsolotso

Date : 24 Jun 2014