Breaking News

Lekgotla la kabo ditsha le kolotwa madi madi

24 Jun 2014

Lekgotla la kabo ditsha la Ngwato le kolotiwa P40 million wa ditirelo tsa tiriso lefatshe mme mo go one madi ao, P20 million o tswa kwa go 2012, fa yo mongwe ele wa dingwaga tse di fa pele go fitlha mo nakong eno.

Se, se tlhalositswe mo phuthegong le bobega dikgang jo bo neng bo laleditswe go tla go tlhalosediwa ka tsamaiso le ditirelo  tse lekgotla la kabo ditsha le di neelang setshaba.

Fa a ntsha pego, mokwaledi wa lekgotla leo, Rre Nickson Mogapi o boletse fa ba na le mathata a go batlisisa batho bao ka bangwe ba bone ba fetotse diaterese le megala. A re seo se dirile gore ba tle ka maano a go leka go tokafatsa seemo.

Rre Mogapi a re ba bone gore ba tlhome batsaa madi a puso mo makalaneng otlhe a bone kwa dikgaolong potlana tse di lesome le botlhano, mogodimo ga moo  ba tshwaragane le ba banka ya Standard Chartered gore fa diofisi di seyong teng go duelelwe  kwa go bone , a re seo se ba thusitse thata ka ba kgonne go duelwa  go feta P2 million go tswa ka Phukwi 2012 go fitlha mono ngwaga.

O supile gape fa ba ntse le tumelano le ba Poso ngogola, mme le gone ba kgona go phutha P30 000, a re mme e bile ba Poso ba botlhokwa fela thata ka ba aname le lefatshe leno  ka jalo go le motlhofo go ba bona. O tlhalositse fa  dithulaganyo tseo di tswa tema jalo a kopa Batswana go duela melala ya bone.

E rile a itebaganye le dikgwetlho tse di lebanyeng lekgotla leo, Rre Mogapi a re setshaba ga se tle ka dipalo tse di nametsang go tla go kwadisa ditsha tsa bone, a supa gore fa go lebelelwa ditshekatsheko tsa ditsha tse di dirilweng, di supa fa ditsha di le dintsi fela thata, mme a ikuela mo setshabeng go tsibogele kwadiso ya ditsha e e tsweletseng.

Rre Mogapi o tlhagisitse setshaba gore ga gona ape maikaelelo a go ba amoga ditsha tsa bone, ka jalo ba seka ba nna le letshogo, fela ke gore go itsiwe gore lefatshe le le mo diatleng tsa bone le kwadisitswe ka fa molaong.

O tsweletse a re ba kwadisa ditsha ka go farologana, e ka nna matlotla, tse di sa tlhabololwang le tse dingwe tse ba nang le tsone.

A re Batswana ba lela ka gore ditirelo tse ba di neelwang ke ba kabo ditsha di bonya, mme a tlhalosa gore morago ga kwadiso eo, go tla tokafala ka ba tla a bo ba itse setsha sengwe le sengwe e bile ba se kwadisitse mo maranyaneng a segompieno.

Rre Mogapi a re ba tshwenngwa ke go bona batho ba rekisa ditsha ka dipalo tse di kwa godimo, a supa fa go dirwa segolo bogolo mo metseng e e mo tikologong ya ditoropo e akaretsa Tonota, Shashemooke, Borolong, Mathangwane, Chadibe le Palapye.  

A re se sengwe gape ke gore fa batho ba sena go fudusetsa setsha kwa go yo mongwe ga batle go baakanya gore go itsege gore jaanong se dule mo go mang sa ya kwa go mang.

Lekgotla leo la kabo ditsha la re le ya go isa melaetsa ka tsamaiso le tiriso ya lefatshe ka go dirisa maranyane a  Facebook, Website, diphuthego tsa dikgotla, dikgothatso kwa dikokelong le dikokelwaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya babega dikgang

Date : 24 Jun 2014