Breaking News

Dikgomo di falatsa balemi

24 Jun 2014

Rre Mosotho Satomana a re o dule mo masimong a gagwe a itshopere morago ga go tsenelelwa ke dikgomo mo tshimong.

A re e re le ntswa mo temong e e neng e feta a ne a itikile thata, maiteko a gagwe a ile a folodisiwa ke dikgomo dingwe tse di dirileng go rata le go kgona mo tshimong ya gagwe.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Satomana o supile fa dikgomo tse  di senyang di sa tlwaelesega ka o kare ke diphologolo gonne fa motho a tla gaufi le tsone gore a bone letshwao, di sia mo e leng gore o salang fela o gakgametse.

A re o ile a tlolwa ke pelo bosheng fa a di fitlhela mo tshimong ya gagwe mme a felela a itseela molao mo diatleng a thuntsha tse pedi. E rile fa a tlhaba mokgosi ka dikgomo tse a di bolaileng, beng ba tsone ba ipona phoso mme ba di tsaya.

Rre Satomana a re ba mo tseleng ya go ya go ikuela kwa mapodising le ba matlhoko a leruo gore bogolo dikgomo tse di isiwe kwa matimeleng ka gore bone ke bagodi e bile dikgomo tse di lebelo fela thata ka jalo ba ka se kgone go di tshwara.

Fa a kgwa Rre Satomana kgaba, Kgosi ya Sepopa Rre Rangosa Nkape o boletse gore ke nnete bangwe ba balemi ba kgaolo ya gagwe ba tshimo di le lesome kwa Mowana, Ghowana, Sepopa le Kajaja, ga ba a bona thobo epe ka ntlha ya dikgomo tse di tshwenyang mme a supa gore ga gona epe kgang e e kileng ya tla go begiwa semmuso fa lekgotleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 24 Jun 2014