Breaking News

Lefelo la banana ga le na tlhokomelo

24 Jun 2014

Banana ba Mosojane le Zwenshambe ba re ba tshwenngwa ke go sa tlhokomelweng ga  lefelo la banana ba kgaolo ya Bokone Botlhaba la itloso bodutu le le mo motseng wa bone ntswa le beile dithoto tse di lopileng puso madi a a seng kana ka sepe.

Mo potsolotsong bosheng, monana wa Mosojane, Rre Jenamiso Jerry o tlhalositse fa lefelo leo, le na le dithoto di akaretsa dikhomputara di ka tshwara lesome, didirisiwa tsa itshidilo mmele, dibuka, ditilo, diromamowa, dipitsa gammogo le ditante tse a reng ba di abetswe ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao go ka di dirisa go ikgobokanyetsa matsana mmogo le go itlosa bodutu.

O supile fa lefelo leo, le agetswe go sologela molemo banana botlhe ba ba mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka jalo go ka nna molemo gore go tlhophiwe komiti ya banana go tswa mo metseng e e farologaneng mo kgaolong go tlhomamisa tlhokomelo ya lone. 

A re gape go ne go ka nna molemo fa go ne go ka ntshiwa mongwe go tswa mo ofising ya banana go etelela tsamaiso lefelo leo. 

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tshogetse pabalesego ya dithoto tse di mo lefelong leo ka go sena ope yo o di beileng leitlho le go tlhomamisa gore di dirisiwa sentle. Rre Jerry o tlhalositse fa lefelo leo le sa tlhole le kgatlha leitlho, ka e bile le setse le fetogile mafulo a leruo.

A re  fa e sale banana ba ba neng ba kgatlhega go le tlhokomela le go le dirisa  ba bona dithuso tsa mananeo a puso, ga gona ope yo o kileng a tsaya boikarabelo jwa go bona gore le tswelela ka go nna mo tirisong.

E rile a tswa la gagwe mongwe monana go tswa kwa motseng wa Zwenshambe, Mme Anitha Sithelo a tlhalosa fa ba eletsa go dirisa lefelo leo mme ba sa itse gore ba tshwanetse ba bona mang yo o maleba go ba thusa. 

E ntse e le kwa Zwenshambe, Mme Sesupo Mokgethi ene o kopile puso go tlhopha komiti e e tla tlhokomelang lefelo leo gore le kgone go dirisiwa go tsenya madi mo letloleng la banana ba kgaolo eo,   gore motlhang go nnang le tiro e e tla tlhokang go dirisa madi, ba kgone go e tshegetsa ntle le mathata ape.

Go ya ka mogolwane wa mananeo a banana mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Mbiganyi Magina, lefelo leo le hiretswe banana ba tirelo setshaba ba le bane go le tlhokomela. 

O ganeditse magatwe a gore lefelo leo ga le na batlhokomedi go tswa mo ofising ya puso ka go na le ba UNFPA le ba lephata la Botswana National Youth Council ba ba filweng marapo a go fa banana ba ba tlang mo lefelong leo dithuso tse ba di tlhokang.  O tlhalositse fa ba kopile ba khanseleng go ba thusa go gokelela maranyane mo dikhomputareng gore banana ba kgone go di dirisa.

Rre Magina o tlhalositse fa go na le madirelo a a neng a se mo tirisong jaaka lefelo la itshidilo mmele ka a ne a tlhasetswe ke bo mmamanthwane mme ba ne ba ikgolagantse le rakonteraka mongwe go baakanya seemo seo le ntswa a ne a dirile mo go neng go sa ba kgotsofatse.  

O tsweletse ka go tlhalosa fa rakonteraka yoo a tla tswelela ka go baakanya lefelo leo.  

Rre Magina o kopile banana botlhe ba ba nang le keletso ya go anywa meamuso e e mo lefelong leo go ikgolaganya le badiri ba ofisi ya UNFPA le ba BNYC teng kwa lefelong leo, mme a kopa le maphata a puso gammogo le a a ikemetseng go tshwaragana go thusa banana ba kgaolo go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Potsolotso

Event : Potsolotso

Date : 24 Jun 2014