Breaking News

Bomme le bana ba jewa ntsoma

24 Jun 2014

Bomme, ba-na-le-bogole gammogo le bana ba amogiwa ditsha tsa bone ka go tshosediwa kana di gapiwa ka dikgoka.

Fa  a buisa  phuthego ya kgotla kwa Tsokatshaa ka Labotlhano, tona wa ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o boletse  fa bomme ba amogiwa ditsha tsa bonno, masimo, didiba le meraka morago ga go tlhokafalelwa ke banna ba bone.

O tlhalositse fa  go lemoga seo ba ne ba dira melawana e e sireletsang  batho ba go nna jalo gore ditsha tsa bone di fetolwe kana di amoganwe morago ga dingwaga tse di lesome le botlhano.

Tona o supile fa lephata la ditsha le matlo le lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, ka jalo ba dule ka moono wa gore motho a nne le setsha se le sengwe fela go leka go somarela lefatshe  le le teng.

O tsweletse a bolela fa dipalo tsa batho di gola nako le nako mme lefatshe lone le eme golo go le gongwe fela, ka jalo  fa le ka seka la babalelwa mo dingwageng tse di tlang le tla bo le fedile, jalo a  gwetlha batho go le  dirisa  ka pabalelo.

Rre Mokalake a re ke molato o motona go tlola tsamaiso le tiriso ya setsha se motho a se kopileng. A re gape le ba ba abetsweng ditsha ba sa di tlhabolole, ba bo ba tlola ditumalano tsa ba kabo ditsha, ka jalo a kopa ba ba sa kgoneng go tlhabolola ditsha tsa bone go di busetsa kwa lekgotleng la kabo ditsha.

Banni  ba lela ka tlhaelo ya lefatshe mo motseng wa bone, ba bolela fa ba dikaganyeditswe ke dipolase kwa bokone fa kwa bophirima e le diphologolo tsa naga gape go na le setlhare sa tshefi se se bolayang leruo la bone, fa ntlha e nngwe e le meraka.

Mo pegong ya gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ofolo Side o lebogetse palo e ba e filweng ya babereki ba Ipelegeng, a re lenaneo leo le ba tsiseditse ditiro mo motseng, mme o ikuetse mo go tona go isa matshwenyego a bone a tsela kwa go tona yo o maleba, a supa fa tsela eo e le lekgwarapana ka jalo e senya dikoloi.

Tona Mokalake o tshepisitse banni fa a tla isa matshwenyego a bone kwa maphateng a a lebanengBOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jun 2014