Ba Polka ba a ipaakanya
24 Jun 2014
Go ne go sha logong go sala molora kwa Tsabong jaaka ditlhopha tsa mmino wa Polka di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana mo go ipaakanyetseng dikgaisano tsa malatsi a ga tautona.
Ditlhopha di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana di ipaakanyetsa makgaola kgang a ai tlang ka malatsi a ga tautona.
Setlhopha sa Gareng ga Dithota sa Khawa se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa lomiwa serota ke sa Trek e Ding sa Vaalhoek, maemo a boraro a gapiwa ke ba Speel ga Nog go tswa kwa Bokspits fa maemo a bone a tserwe ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa Struizendam.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o ne a tlhlaosa fa dikgaisano tseo di diragala ngwaga le ngwaga .
Mme Mosala o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mmino wa Polka e le mmino oo simologileng go tsena dikgaisano tsa malatsi a ga tautona go simologa ka ngwaga 2011 ka ditlhopha di le nne fela mo kgaolong ya Kgalagadi.
O ne a kaya fa mo ngwageng ono mmino oo,o godile ka o setse oname le lefatshe leno. O supile fa ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di le lesome le bosupa mo ngwageng ono.
A re e re ntswa mmino wa Polka e le mmino oo ikadileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa , dikgaolo tse dingwe di ne tsa kgatlhegela go ithuta mmino oo. Dikgaolo tse di akaretsa Kgalagadi Bokone, Ngwaketse, Ngwato, Ghanzi, Legare, Letlhakane le Maun.
O kaile fa maikaelelo magolo a dkgaisano tse e le go itsaane, go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng ee farologanyeng mo lefatsheng leno, ngwao e tshwana le kapari, mmino teme le tse dingwe.
Mme mosala o ne a supa gape gore dikgaisano ka ntlha ya thotloetso ya boeteledipele jwa lefatshe leno bo dirile phetogo e ntsi thata mo bananeng ka ba sa tlhole ba gobea mo mebileng jaaka pele.
O boletse fa dilo makwati di kotobotswa mo go babangwe mme a gakolola diitlhopha go tlhoka go kgala bangwe mme segolo ba emane nokeng ka go kopa mo go ba bangwe le go ithuta mo go bone ka seo se ka thusa thata mo go tlhabolololeng mmino wa bone.
Rre Keith Bafenyi mongwe wa leloko la Ngwao loshalaba Association o ne a tlhalosetsa ditlhopha ka bomoosola jwa go ikwadisa mo mokgatlho oo.
A kaya fa seo seka thusa thata mo ditlhopha go bua ka lentswe le le lengwe, nngwe ya ditiro tse ba di dirang o kaile fa e le go godisa, go ruthuntsha le go tlhabolola ditlhopha tse di farologanyeng.
O ne a kgothatsa thata ditlhopha gore mo nakong ee tlang ba godise dtlhopha tsa bone tsa polka ka go dira maitiso ka seo se ka thusa thata mo go kokoanyetseng ditlhopha tseo madi ba sa gaisane mme gape le tsela nngwe ya gore ba itsane ,go ithekisa le go go godisa serudumo sa mmino oo.
A tlatsa ka go ba kopa go nna le mowa wa lorato le neelano le gone go amogela maduo jaaka a ntse.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o ne a tlhalosa fa badiragatsi mo nakong ya gompieno go na le mokgatlho o ba ikwadileng mo go one, o ka one ba tla kgonang go duelela dipina tsa bone tse di lediwang mo seromamoweng sa setshaba.
Rre Kaboamodimomo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa badiragatsi ba dipina tsa bone tse di tla tshamikiwang mo Seromamoweng sa Botswana morago ga kgatiso ba tla nwa moro ka ba tla atswiwa ka madi.
A tlatsa ka go kgothatsa ba mmino wa Polka go tsetsepela le go ipelafatsa le go godisa mmino wa polka oo tumileng mo kgaolong ya kgalagadi ka o setse o na le tatedi e ntsi fa go tshwantshwangwa le mo dingwageng tse di fetileng.
Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mopalamente wa kgalagdi borwa Rre Jonh Toto o ne a kaya fa mmino wa polka o tlotlilwe thata ke letso la sekhalate bogolo jang kwa mafelong a tshwang le Bokspits,Struizendam , Khawa le a mangwe. O kaile e le mmino o ba binang thata ka nako ya manyalo le mediro e mengwe.
Mopalamente o ne a kaya fa ba mmino wa polka o tlotlomaditse thata ngwao ya kgalagadi a supa fa o setse o oka le bone bajanala. O ne a rotloetsa thata balatedi ba mmino wa Polka go dira ka natla ka go ntsha ditalente tsa bone ka seo gape seka thusa mo ipapatsong go tswakanya itsholelo ka se gape se ka thusa gore ba itshetse gammogo le bana ba bone. A tlatsa ka go kgothatsa ba ba sa fenyang go tlhoka go kgobega mme ba ithute mo go ba bangwe le gone go dira ka dira ka natla mo nakong e e tlang gore le bone e tle e nne bafenyi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Dikgaisanyo tsa mmino
Date : 24 Jun 2014






