Go lema ka ditselana ke mmammane
24 Jun 2014
Balemi ba tshwanetse ba reetsa dikgakololo tsa puso tsa gore ba leme ka ditselana gore ba itirele dijo tse di lekaneng.
Go buile jalo mothusa tona wa lephata la temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Tswapong Borwa bosheng.
O ne a kopa balemi go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ya go gasa ke ngwao ntswa e sa ntshe thobo e e nametsang.
Rre Molebatsi, yo e bileng e le mopalamente wa Tswapong Borwa, a re balemi mo mafelong mangwe a lefatshe leno ba gatetse pele ka go lema ka ditselana ka jalo ba ntsha thobo e e nametsang.
O boletse fa temo ya ditselana e sa tlhokane le go lema ditema tse dintsi ka molemi a kgona go bona dikgetsi di feta masome a matlhano mo temeng e le nngwe fela.
O tsweletse a bolelela banni fa a sa itumelele thobo ya bone mme a ba kopa gore ba lekeletse temo ya ditselana mo ngwageng ono wa temo.
A re bontsi jwa dipego tsa komiti ya balemi di supa fa balemi ba ne ba lema ba gasa, a bolela fa balemi bao ba sa roba mo go nametsang ka jalo seo se supa fa go gasa go sa busetse sepe.
Rre Molebatsi o kopile boraditerekere go reka didirisiwa tsa temo di akaretsa megoma, diege le dipolantere ka e le tsone tse di tla a ba kgontshang go lemela batho ka ditselana.
O boletse fa mo ngwageng ono wa temo puso e tla a bo e sa duelele balemi ba ba tla a lemang ba gasa mme go tla thusiwa fela ba ba tla a lemang ka ditselana.
A re puso e sale e kopile balemi go lema ka ditselana mme boraditerekere ba nna ba ikopela go lemela batho ba gasa ka ba ne ba bolela fa ba sena didirisiwa tsa temo, ka jalo mo nakong eno tsholofelo ke gore boraditerekere ba na le didirisiwa tsotlhe tsa temo.
Rre Molebatsi o tlhalositse fa puso e dirisa madi a selekanyo sa P40 000 mo moleming a le mongwe mme balemi ba sa nne le dipoelo dipe.
O rotloeditse balemi go ikwadisetsa dipeo, menontshane le tshefi e e bolayang mhero pele ga kgwedi ya Seetebosigo e fela, a supa fa seo se tla a thusa puso go reka dipeo nako e santse e le teng.
Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba bolela fa mo temong e e sa tswang go feta go nnile bokete ka boraditerekere ba ne ba lopa madi mangwe pele ba ka ba lemela ntswa puso e ba duela.
Ba ikuetse mo pusong go buisana le boraditerekere go emisa go lopa madi mo go bone.
Banni gape ba ne ba bolela fa ba sa gane go lema ka ditselana mme bothata e le letlhoko la diterekere le didirisiwa tsa go lema ka ditselana
Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Molebatsi o boletse fa puso e tla a rulaganya diterekere go tswa mo mafelong mangwe fa go lemogwa fa balemi ba tsenngwa dingalo ke boraditerekere bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jun 2014