Seretse o kgothatsa banana ba Kopong
24 Jun 2014
Motshwarelela tona wa tsa banana, metshameko le ngwao, Rre Vincent Seretse o kopile banana go nna le ditoro tsa kgwebo tse di nang le bokamoso.
O buile seo kwa Kopong mo kgaolong ya Kweneng fa a ne a lekola dikgwebo tsa banana a bo a ba tlhalosetsa ka mananeo a ba ka a akolang. A re lephata la gagwe le tsile ka mananeo a a ka thusang banana go itlhabolola ka bontsi jwa bone bo sa bereke.
A re lephata la gagwe le dira gotlhe mo le ka go kgonang go tlhabolola banana ka mananeo a tshwana le CEDA le LEA ka go ba adima madi go itshimololela dikgwebo.
Rre Seretse o tlhalositse fa ba batla gore banana ba nne le dikgwebo tsa sennela ruri ka jalo a tlhalosa fa ba sa jesiwe di welang ke dikgwebo tsa banana tse di phutlhamang ka bofefo.
O supile fa lenaneo le tshwana le la tirelo setshaba le le botlhokwa thata ka le neela monana botsipa jwa tiro.
O tsweletse a tlhalosa gore banana ke bone ba lefatshe le ikgantshang ka bone ka ba isitse leina la lefatshe leno kwa godimo ka dikgaisano tsa banana tse di sa tswang go feta mme ba ka dira jalo le mo kgwebong.
O ba kopile go nna pelo telele le fa ba kopana le dikgwetlho le gone gore ba seka ba lebala go busa madi a ba a adimilweng ka ele one a a dirisiwang go thusa banana ba bangwe.
Fa ba akgela, banana ba Kopong ba boletse fa ba itumelela ka fa lephata le ba thusang ka teng ka le okeditse dingwaga tse le thusang banana ka tsone.
Ba re ba itumelela mananeo ka le bone ba kgona go itshetsa mme ba kopa gore ba fefosediwe nako e ba thusiwang ka yone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Seboka Bonno a re o itumelela go bona puso e kgathala ka banana ka jalo a ba kgothatsa go le aramela le sa tlhabile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : George Ntshane
Location : KOPONG
Event : Tekolo ya dikgwebo
Date : 24 Jun 2014