Dinotshe di bogadi bo gaufi
24 Jun 2014
Banana ba le babedi ba kgotla ya goo Motsokwane kwa Serowe ba itepatepantse le thuo ya dinotshe go rekisa tswina le mamepe a tsone e le tsela e ba e ikgethetseng go tokafatsa matshelo a bone.
Bobedi jo, e bong Rre Lopang Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi le monnawe Bonolo Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, ke bangwe ba Batswana ba ba dumelang gore lefatshe leno le na le meamusu ya khumo e e nonneng e batho ba ka tokafatsang matshelo a bone ka yone.
Ba tlhaloseditse mo puisanong bosheng gore ba simolotse ka go boloka dinotshe mo mabokosong a mabedi mme ya re ba sena go lemoga fa Batswana ba supile ba rata tswina le mamepe, ba kgobokanya dipoelo ba tlhatlosa madirelo a bone ka go reka mabokoso a le mararo go dira a le matlhano.
Rre Bonolo Moanaphuti a re, ”Fela jaaka leruo lengwe le lengwe le tlhokana le go tlhokomelwa ke mong ka go le fa dijo le metsi, le dinotshe re di lemela dijwalo ka gore notshe ke setshidi se se itshetsang ka dithunya”
A re ngwaga o ka e ne e le o monamagadi, ba ne ba kgona go lema diekere di le tharo tsa dinawa le tsa mmidi di le pedi, selo se a supileng se nnile le kgolo mo thobong ya dinotshe fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fetileng.
Le fa go ntse jalo, bobedi jo, bo tlhalositse gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, le bone ba lebanwe ke letlhoko la metsi segolo bogolo ka dipaka tsa fa dipula di seo.
Ba re metsi a botlhokwa go nosetsa dijwalo tse ba di lemelang leruo la bone mme ba kaya fa se se ka seke sa ba kgoba marapo go tsweledisa maikaelelo a bone.
Ba tsweletse ba tlhalosa fa thuo ya mofuta o, ele motlhofo ka e sa tlhokane le tiro e ntsi le fa ele babereki ba bantsi. Ka jalo ba gwetlha ope fela yo o nang le keletso e e tshwanang le ya bone go tia moko go emelelana le dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jun 2014